Lefapha la
Merero ya Tikologo le Bojanala
O simolola le go godisa jang kgwebo ya gago ya bojanala
Mojanala ke eng?
Go simolola
Jaanong ka ke simolotse le go dira
Tshedimosetso e e mosola
Lefapha la
Merero ya Tikologo le Bojanala
Kamogelo
Bukana e ke dipholo tsa tirisano magareng ga Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala, Khansele ya Aforika Borwa ya Kgwebo ya Bojanala, Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala le ABSA.
Ditekanyetso
Bukana e e ikaegile ka tshedimosetso e e rebotsweng ke ditheo tse di tshwanetseng e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka di-websaete.
Babatlisisi ba tsaya gore tshedimosetso yotlhe e rebotswe ka mowa o montle mme e nepagetse.
Re ka se rwesiwe maikarabelo a nepagalo kgotsa go felela ga tshedimosetso e re e filweng. Fa o ka eletsa gore mokgatlho wa gago o akaretswe mo ditokafatsong tsa isagwe tsa bukana e, tweetswee dirisa Imeilee e: kmosweu@deat.gov.za c Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala.
Molaetsa go tswa go Tona
Dikgwebo tse di Potlana, tse di Magareng le tse Dikgolo (di-SMME) ke dienjene tsa tlhabololo. Di baka pakego ya ditiro le pakego ya lehumo. Kantlha ya moo go botlhokwa gore di-SMME di engwenokeng go itsweletsa le go gola. Go fitlha fa Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala ka Makala a lona a Bojanala le tsweleditse sephuthelo sa didirisiwa tse di lebisitsweng mo go thuseng bagwebi ba bojanala go tsweletsa dikgwebo tse di nang le dipoelo le tswelelopele. Sephuthelo se sa kemonokeng se akaretsa:
Go tlamelwa ka matlole ga Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala (TEP) le le lebisitsweng go thusa di-SMME tsa bojanala go tsweletsa dikgolagano tsa kgwebo le madirelo a magolo.
Sephuthelo sa dimojulu tsa katiso tsa bojanala tsa SMME, tse di akaretsang katiso mo thekisong, tsamaiso ya matlole, tsamaiso ya kakaretso ya kgwebo le temogo ya bojanala.
Buka e, e e rebolang tshedimosetso ya go tlamela SMME ka matlole mo setshabeng le mo lekaleng la poraefete le didirisiwa tsa kemonokeng.
Bukana e, e botlhokwa thata kantlha ya fa e tlhagisa dintlha tsotlhe tsa go fitlhelela tshedimosetso mo thusong ya kgwebo e e rebolelwang bogolo thata bagwebi ba bojanala.
E ke kgatiso ya boraro ya bukana. Ke kumo ya tirisano magareng ga Lefapha la me, Kgotla ya Kgwebo ya Bojanala ya Aforika Borwa le ABSA.
Mo lekgethong la ntlha bukana e, e tla nna teng mo dipuong tse dingwe tsa semmuso e leng Sezulu, Setswana le Seaforikanse. Re tla tswelelapele go tokafatsa bukana ngwaga le ngwaga le go e fetolela mo dipuong tse dingwe tse dintsi.
Ga ke na pelaelo ya gore bukana e e tla go tswela molemo mo maitekong a gago a kgwebo mme ke go eleletsa masego otlhe mo go tlhomeng kgwebo ya bojanala e e golang le go nna le dipoelo.
Keleletso masego mo bojanaleng
Tona: Merero ya Tikologo le Bojanala.
Diteng
Ka moo bukana e e dirisiwang ka gona 4
Mojanala ke eng? 5
Tlhaloso ya Mojanala 5
Lekala la Bojanala 5
Tšhanele ya bojanala le ka moo e dirang ka gona 6
Go simolola 7
Ke na le kakanyo e kgolo! 7
Go kwala kakanyo mo pampiring 8
Nka bona kae tšhelete go simolola kgwebo ya me 14
Jaanong ntlha ya fa ke simolotse le go dira ... 24
Kemonokeng e e tsweletseng ya kgwebo 24
Go bapatsa kgwebo ya gago 25
Katiso 29
Katoloso 30
Tshedimosetso e e mosola 31
Mekgatlho ya Kgwebo le Mekgatlho / Ditlamo tsa Bojanala 31
Kemonokeng ya porofense le dintlha tsa kgokagano 33
Kaelo ya kgokagano 36
Dikao le dithuto tsa tiragalo 38
Potso - A ke na le bokgoni jwa go nna mogwebi? 44
Nka tlhopha kgwebo e e ntseng jang? 47
Ka moo bukana e e dirisiwang ka gona
Mmuisi yo a rategang
O amogetswe mo lefatsheng le le ntle la bojala. Re solofela fa o tla bona mosola wa phasalatso e.
Buka e e tla go naya tshedimosetso e e mosola go go thusa mo maitekong a gago a go tlhoma kgwebo e e amanang le bojanala. E akaretsa ditlhogo go tloga ka tsa go kwala leano la kgwebo go fitlha kwa phitlhelelong ya tšhelete mme e bile e go naya dintlha tse di botlhokwa tsa kgokagano. Tsweetswee gakologelwa gore se ke tshoboloko mme re tshikinya thata gore o lebe metswedi e mengwe ya tshedimosetso.
Nngwe ya dipopego tse di botlhokwa tsa buka e ke gore e go rebolela tshedimosetso ka maiteko otlhe a a leng teng, go go thusa go tlhoma kgwebo e ntshwa kgotsa go godisa e e setseng e le teng. Dirisa lenaneo la kgokagano go bona gore ke mang a tla siamang thata go go thusa mme o ikgolaganye le ene ka tlhamalalo.
Gakologelwa gore bontsi jwa ditheo bo rebola ditirelo tse dintsi tse di farologaneng le thuso. Go boloka sebaka mo bukaneng e, ga re a boeletsa tshedimosetso ya bona mme re go kaela go ya kwa tsebeng e e maleba.
Bontsi jwa diporofense bo na le maiteko a tsona le diphasalatso tse dikgolo. Ikgolaganye le tsona ka tlhamalalo mo dintlheng tsa kgokagano tse di tlhagisitsweng mo Kgaolong ya bo 5.
Go tlhoma kgwebo ya gago ga se tiro e e bonolo mme e batla tiro e ntsi le boineelo. Bojanala ga bo farologane le madirelo a mangwe mo ntlheng e. Re akareditse dipotso tsa boithabiso mo Kgaolong ya bo 5 go go naya sesupo gore a o na le "bokgoni" go tsena mo kgwebong ka bo wena. Go botlhokwa gape gore o nne le kitso e ntsi go ya ka fa go kgonegang ka teng. Buisa thata go ya ka fa o kgonang ka teng - se se akaretsa makwalodikgang, dijenale le di-websaete.
Go botlhokwa go tsaya bukana e, e le ntlha ya tshimololo e seng kaelo tota ya go nna le kgwebo e e atlegileng ya bojanala. Dirisa lenaneo la kgokagano go bona tshedimosetso ya go ya pele mme o se ke wa emisa go ithuta ka kgwebo ya gago le madirelo a bojanala.
Go bona kaelo e e tletseng, ABSA e tlhagisitse kaelo e e feletseng ya kgwebo mo dibukaneng di le 10 tse di ka tsewang kwa ntle ga tuelo mo websaeteng ya yona ya www.absa.co.za/business. Tobetsa mo tlhophong ya Thulubokoso ya Kgwebopotlana [Small Business Toolbox]. Re atlanegisa gore o fitlhelele se go bona dintlha tsa go ya pele fa go tlhokega.
Keleletso masego le kamogelo mo lefatsheng le le ntle la bojanala!
Go nnile le ngangisano ka tlhaloso ya " mojanala" le dikgwebo tse tota di dirisanang le bajanala. Mojanala ke motho yo a etang le go nna kwa ntle ga tikologo ya gagwe ya tlwaelo mo pakeng e e rileng mme a ka nna mojanala wa "legae" - yo a nnang mo Aforika Borwa mme a etetse kwa karolong e e farologaneng ya naga le lelapa la gagwe le ditsala go itumelela boikhutso; moeti wa "kgwebo" yo a etileng go tswa kwa nageng e nngwe kgotsa mo teng ga Aforika Borwa go tsweletsa ditiro tsa kgwebo kgotsa moeti wa "boditšhabatšhaba" yo a tlileng mo Aforika Borwa go tswa kwa nageng e nngwe go bona se re nang le sona.
Mo tsamaong ya dingwaga bojanala bo tsweletse go nna kgwebo e e tsweletseng mo Aforika Borwa.
Bojanala mo Aforika Borwa bo akaretsa makala a mantsi a a dirang otlhe gore moeti a nne le maitemogelo a a amogelesegang le a a ka se lebalweng a naga ya rona.
Ona a akaretsa:
Lekala la dipalangwa, le le amanang le thwalo ya bajanala (selegae le boditšhabatšhaba) mo teng le go dikologa Aforika Borwa, sekao: difofane, dišatlelle, diterena, dibese, dikepe, ditekisi, jalo le jalo.
Baemedi ba maeto, ba tiro ya bona e kgolo e leng go rekisa tiriso ya nakwana ya thwalo (lowapi, seporo, tsela le metsi) bonno, maeto le ditirelo tse dingwe tse di amanang.
Mogwebi wa maeto ke motho yo a nang le kgwebo e e tsamaisang bajanala ba ba duelelang maeto a a rulagantsweng mme o dira dithulaganyo tsa badirelwa mo mabakeng a bonno, dipalangwa le maeto.
Mosupatsela, ke mongwe le mongwe yo a nang le tshwanelo yo a duelelwang kgotsa a putswa go pata batho ba ba tsamayang kgotsa go etela lefelo lengwe mo teng ga naga le go naya batho ba go nna jalo tshedimosetso kgotsa ditshwaelo mabapi le mafelo kgotsa dilo tse di etetsweng.
Kamogelo (bonno) e amana le tlhagiso ya bonno, sekao: marobalo le dijo, ntlo ya baeng, go iphepa, dihosetele tsa baeti ba bašwa, motele, hotele, jalo le jalo.
Kamogelo (dijo le dino) ke mafelo a a rebolelang thata baeng ba selegae le ba boditšhabatšhaba ditirelo tsa dijo, sekao: diseturente, diphapo le dithabene, marekisetso a dijo tse di apeetsweng ruri jalo le jalo.
MICE (Dikopano, Dithotloetso, Konferense le Dipontsho) ke lekala le maikaelelo magolo a lona e leng go rulaganya kgotsa go tshwara dikopano le ditiragalo tse dingwe jaaka dipontsho mme gantsi le rulaganyetsa batlakopanong tee le dijotshegare.
Dikgogedi tsa bajanala ke mafelo kgotsa dilo tse di etelwang ke bajanala, sekao: Table Mountain, dimosiamo, Dikgaga tsa Cango, jalo le jalo.
Re aga mmogo kumo ya bojanala e e bapatswang mo dinageng tse dingwe ka dipontsho tsa boditšhabatšhaba go tlhotlheletsa baeti go tla go bona se se rebolwang ke naga ya rona e ntle, sekao: tlelaemete e e gaisang, botshelo jwa naga, mabopo a mantle, matshwao a hesitori, batho ba ba botsalano, go dira ditheko le mafelo a mangwe a mantsi le dikgogedi tse di itlhaotseng tsa Aforika Borwa.
Bojanala bo ama bodirelo bongwe le bongwe mo nageng e ka tsela nngwe.
Mojanala ke eng?
Tlhaloso ya Mojanala
Lekala la Bojanala
Nngwe ya dikgwetlho tsa madirelo a bojanala ke gore gantsi thekiso ya kumo kgotsa tirelo ga e ka tlhamalalo magareng ga motlamedi le modirisi mme e dirisa makala a mantsi a a mo magareng (motho yo o magareng).
Se re se bitsa "tšhanele" e e kayang mekgatlho e e farologaneng le mokgwa o e dirang mmogo ka yona go tlisa bajanala mo Aforika Borwa go tswa gongwe le gongwe kwa ba leng gona mo lefatsheng.
Ka ntlha ya moo go botlhokwa mo go wena go tlhaloganya sentle e seng fela ka gore ke mang yo a tla nnang modirisi wa bofelo wa kumo ya gago kgotsa tirelo mme o tshwanetse wa itse gore o dirisana le mang mo tšhaneleng go tsweletsa kgwebo ya gago.
Re akareditse fa tlase setshwantsho sa gore tshanele e ka direla jang motlhagisi wa bonno le gore ke mang a amogelang eng go tswa mo tiregong e. O tla lemoga gore ba ba mo gare ba amogela tshwaiso go tswa mo motlameding wa bonno - mo nneteng ke batlamedi ba tirelo ya papatso ya mong wa bonno.
Fa modirisi a batla go etela lefelo o tla golagana le moemedi wa maeto yo a tla mo direlang sephuthelwana ka go dirisa maeto a a rulagantsweng go le pele, a a rebolelwang mogwebi wa maeto wa kgwebokgolo. Mogwebi wa maeto wa kgwebokgolo o tla golagana le boroukara wa maeto a selegae / mogwebi wa maeto mo Aforika Borwa go rulaganya kgotsa go tshikinya loeto. Mogwebi wa maeto a selegae o tla dira dipeeletso ka tlhamalalo le dikumo. Botlhe ba dira mo maemong a tshwaiso.
Bua le mokgatlho wa gago wa bojanala wa porofense go bona kgakololo ya gore o ka bapatsa jang kgwebo ya gago. Tshedimosetso ya go ya pele e akareditswe mo karolong ya Papatso mo Kgaolong ya bo 4.
Tšhanele ya bojanala le ka moo e dirang ka gona
Sekao:
Tšhanele e rulagantswe jang mme modirisi o reka jang boikhutso
Go nnile le phasalatso e kgolo fa gautshwane ka madirelo a bojanala mo Aforika Borwa mme re motlotlo thata ka palo e e golang ya bajanala ba ba etelang naga ya rona e ntle. Ditiragalo tse di botlhokwa jaaka Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Lefatshe ya 2010 e tla nna le tshwaelo e kgolo mo madirelong a rona mme go ka nna le ditshono tsa mogwebi yo a nang le metswedi.
Gantsi o utlwa mongwe a bua sengwe se se tlisang kakanyo mo monaganong wa gago. Tota o ka nna motlotlo ka kakanyo e mme se se botlhokwa ke go nna le maikutlo a gore kakanyo e tla dira mo botshelong jwa nnete le go nna le dipholo tsa kgwebo e e nang le dipoelo.
Eno ke kgato e patlisiso ya ka bonako ya kgonego e ka thusang gore o swetse go tsweletsapele kakanyo ka botlalo. "Kgonego" e kaya fela go direga kgotsa go diriwa bonolo. Go rekisetsa ngwedi diphuthelwana tsa loeto ga go kgonege (mo sebakeng se!!!).
Go siame, o tshwanetse wa dira thuto e jang?
Botsa dipotso tse dintsi.
Batlisisa gore a go mongwe yo a dirang sengwe se se tshwanang mme o ba kope go arogana maitemogelo a bona le wena.
Dira dipalo tsa matlole tse di sa totobalang. Gape fa batho ba ikemiseditse go duela R1.00 mo selong se se go jeleng R2.00 go se tlhagisa seno se raya gore ga se kakanyo e e kgonegang.
Dira dipatlisiso tse di sa totobalang tsa mmaraka. Batlisisa bareki ba gago ba ba ka nnang teng mme o ba botse gore a ba ka meanokeng kgwebo e ntshwa. Botsa batho gore ba batla dithoto le ditirelo tsa mohuta mang.
Thulusu e nngwe e e mosola ke ya go dira patlisiso ya SWOT. SWOT e emetse Maatla, Makowa, Ditshono le Matshosetsi, mme e botlhokwa thata mo go thuseng mo tirong ya go tsaya tshwetso, bogolo thata fa o leka go tlhopha magareng ga dikakanyo tse dintsi tse di farologaneng. Kwala nngwe le nngwe ya ditlhogo mo lenathwaneng la pampiri mme o dire lenaneo la maatla otlhe, makowa jalo le jalo le dikakanyo tsa gago / kgwebo e e ka nnang teng.
Re akareditse sekao sa patlisiso ya SWOT mo Kgaolong ya bo 5.
Morago ga tseno tsotlhe, ke nako ya go dira Leano la Kgwebo fa o akanya gore kakanyo ya gago e santse e le e e siameng.
Go simolola
Ke na le kakanyo e kgolo!
Leano la Kgwebo
Leano la Kgwebo le dirisiwa go tsaya dikakanyo tsa gago tsa kgwebo e ntshwa le go di kwala fa fatshe ka go atolosa dintlha tsa tsona. Leka go kwala leano la gago la kgwebo gonne tseno ke dikakanyo tsa gago. Fa o utlwa gore o tlhoka thuso ka lokwalo leno le le botlhokwa go na le ditlamo tse dintsi go go thusa. Re di kwadile kwa bokhutlong ba karolo e.
Leano la gago la kgwebo le tla nna le tshedimosetso ya botlhokwa tebang le kumo ya gago kgotsa tirelo mme ga le ne le dira fela jaaka lokwalo le o ka bonang ka lona thuso ya matlole mme le ka dirisiwa jaaka kaelo ya gago e o e latelang fa o dira kgwebo ya gago. Le tla kgona go tlhalosa dipotso tsa gore o dirise thulaganyo efe ya kgwebo, gore a o tla batla badiri le gore kgwebo ya gago e tla nna kae.
Ka tlwaelo leano la kgwebo le na le dikarolo tse dikgolo di le nne:
Thuto ya kgonego kgotsa go diragala - Kakanyo ya me e tla dira jang?
Thulaganyo ya togamaano le kaelo ya tebelopele - Kgwebo ya me e tla gola jang mme ke lebile mmaraka ofe?
Kaelo ya tiro - Leano la tiro la letsatsi le letsatsi.
Thulusu ya matlole - Leano la kgwebo le le tletseng le le dirilweng ke dintlha 1, 2, 3 le tla supetsa babeeletsi gore o itse maikemisetso a gago le gore kgwebo ya gago ke peeletso e e siameng.
Diteng tsa leano la gago la kgwebo le tshwanetse la akaretsa tse di latelang:
Tshobokanyo ya Tsamaiso
Tshobokanyo e, e na le dintlha tse di botlhokwa thata tsa leano la gago la kgwebo jaaka di tlhagisitswe fa tlase mo ditlhogong tse di farologaneng mme ka go lebiwa ka bokhutshwanyane, di tshwanetse tsa naya motlhagisi wa matlole le babeeletsi tshedimosetso e e lekaneng ya leano la gago la kgwebo.
Sebopego sa Kgwebo
Tshoboloko e akaretsa tshedimosetso malebana le aterese ya mmila wa kgwebo ya gago, mohuta wa kgwebo, sekao: ntlo ya baeng kgotsa mogwebi wa maeto, jalo le jalo, go sa kgathelesege gore a kgwebo ke Closed Corporation (C.C), Mogwebanosi [Proprietor] kgotsa Company (Pty) Ltd. Go botlhokwa gore o tlhophe sebopego se se tshwanetseng maikemisetso a gago. Tlhaloso ya mehuta e e farologaneng ya dipopego tsa kgwebo e tlhagelela mo Kgaolong ya bo 5.
Tshedimosetso e nngwe e e tshwanetseng ya akarediwa mo setlhogong se ke gore a kgwebo ke e ntshwa gotlhelele kgotsa e rekilwe jaaka kgwebo e e ntseng e le teng. O tshwanetse wa akaretsa diphitlhelelo le maikemisetso, kumo kgotsa ditirelo tse di rebolelwang modirisi le gore o bonelapele jang kgaisano le mekgatlho e e mo kgwebong e e tshwanang. Akaretsa thekenoloji e o tla e tlhokang go tsamaisa kgwebo ya gago ka tshwanelo, sekao: dikhomputara, ditelefounu, dimatšhini tsa fekese, jalo le jalo.
Sebopego sa Badiri
O tshwanetse wa tlhalosa gore o tla thapa mang (fa go le mongwe ntle le wena) le gore seabe le maikarabelo a bona e tla nna afe. Fa go kgonega, dira lenaneo le le supang gore mang o dira eng mme o ikarabela mo go mang.
Go kwala kakanyo mo pampiring
Tlhatlhobo ya Bodirelo le Mmaraka
Tlhatlhobo ya Bodirelo le Mmaraka ke tshedimosetso e e botlhokwa e e batlegang go batlisisa isagwe ya kgwebo ya gago. Tlhatlhobo ya mmaraka e tshwanetse ya akaretsa tshedimosetso ka bodirelo jwa bojanala ka kakaretso mo Aforika Borwa - bannileseabe ba botlhokwa, ditlwaelo le ditiragalo tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba le melawana e e farologaneng e e ka tlhotlheletsang kgwebo ya gago.
Tlhatlhobo ya mmaraka mo letlhakoreng le lengwe e akaretsa tshedimosetso e e rileng ya karolo ya nnete ya mmaraka wa bojanala o kgwebo ya gago e leng mo go ona, sekao: baemedi ba maeto, mafelo a dikonferense, jalo le jalo - ditlwaelo tsa mmaraka o o leng teng, badirelwa / baeng ba ba ka nnang teng le gore o tla netefatsa jang gore o a gaisana.
Leano la Papatso
Leano la gago la thekiso le papatso le tlhalosa ka moo o tla bapatsang kgwebo ya gago ka gona. Sebopego sa peotlhotlhwa (lotseno) sa kumo ya gago se tshwanetse sa akaretswa fa mmogo le ditshono tsa papatso tse di tla go thusang go fitlhelela lotseno le o ikemiseditseng go le amogela. Ditshono tsa papatso di ka akaretsa: diphasalatso tsa papatso tsa bodirelo tse di leng teng, dipampitshana, dipontsho kgotsa ketelo ka tlhamalalo ya badirisi ba ba ka nnang teng. Leka go tlhoma matlha a go diragatsa se o batlang go se fitlhelela. Ka lesego leano la papatso ke sengwe se o tla se dirisang ka metlha mme se tla gola le go fetoga le kgwebo ya gago. Ka jalo o se ke wa tshosiwa ke maiteko a gago a ntlha.
Leano la Matlole
Go dira maano a matlole go ka tshosa thata mme tota ke karolo e e botlhokwa ya leano la gago ka kakaretso. Gore kgwebo ya gago e atlege o tshwanetse wa itse gore o tla bona lotseno le le kanakang le gore ditshenyegelo e tla nna dife. Kgwebo e ka se atlege mo pakeng e telele fa ditshenyegelo tsa gago di feta lotseno.
Ka tlwaelo dipegelo tsa matlole di akaretsa tekanyetso ya go dira, dipegelo tsa kelelo ya kheše le phopholetso ya dišiti tsa tshalelo tsa bonnye jwa dingwaga di le tharo.
Tshedimosetso ya Molao le ya Taolo
Dikgwebo tsotlhe di tshwanetse tsa tshegetsa melao le melawana e e maleba.
Mengwe ya melao le melawana eno e a tshwana mo mehuteng yotlhe ya dikgwebo (sekao: kwadiso ya SARS ya makgetho) mme e mengwe e lebagane le mohuta wa kgwebo. Sekao: mogwebi wa maeto o tshwanetse a nna le phemiti ya kgweetso ya setšhaba mme bara e tshwanetse ya nna le laesense ya bojalwa. Batlisisa mo mokgatlhong o o tshwanetseng wa kgwebo gore go batlega eng go tsamaisa kgwebo ya gago.
Patlisiso ya SWOT e ntse jaaka e sekasekilwe mo karolong e e fetileng mme jaanong e tshwanetse ya lebiwa ka botlalo (leba Kgaolo ya bo 5 go bona sekao).
Dikwalo tse di maleba tsa kemonokeng
Lokwalo lengwe le lengwe le le kaiwang mo mmeleng wa leano la kgwebo, fa re naya sekao: dipegelo tsa matlole, dithuto tsa go amega ga tikologo, di-CV tsa badiri, dibukana le diphasalatso di tshwanetse tsa akaretswa mo leanong la gago la kgwebo. Fa tlase o newa lenaneo la mekgatlho e e ka go thusang go kwala leano lwa gago la kgwebo.
Khula Enterprises, ka Lenaneo la yona la Kgakololo la Thuso e naya thuso mo tlhabololong ya maano a kgwebo a a tla tlhagisiwang le kopo ya kadimo.
Tlhabololo ya Leano la Kgwebo (kadimo ya pele):
Dikadimo mo bankeng magareng ga R50 000 le R300 000 - Thuso e duela 75% ya ditshenyegelo tsa Leano la Kgwebo.
Dikadimo mo bankeng tse di fetang R300 000 -
Thuso e duela 50% ya tshenyegelo ya Leano lwa Kgwebo.
Lenaneo le le tletseng la dinomore tsa kgokagano mmogo le tiro ya go dira kopo ya thuso go tswa go Khula le mo tsebeg ya bo 19 ya bukana e.
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala (TEP)
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala ke eng?
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala TEP ke maiteko a a tshwaraganetsweng a DEAT/ Terasete ya Kgwebo. Maikaelelo a magolo a TEP ke go tlhotlheletsa le go kgonagatsa kgolo le katoloso ya di-SMME mo ikonoming ya bojanala gore go nne le pakego ya ditiro le kgolo ya lotseno.
TEP e supa, e kgonagatsa le go gapeletsa kgwebo ya lotseno e e dirang sentle magareng ga bannileseabe ba bodirelo le di-SMME. TEP e kgona go thusa di-SMME tse di dirang mo ikonoming ya bojanala ka ditsela tse dintsi, fa re naya sekao:
Thuso ya papatso ya ditiragalo
Tlhabololo ya maano a kgwebo le papatso
Paakanyo le tlhagiso ya ditshikinyo tsa dithentara kwa batlameding
Katiso
Go tsenela dipontsho le dikonferense fa go tshwanela
Go naya setifikeiti le laesense
Go supa batlamedi ba ditirelo
TEP e kgona go rebolela tse di fa godimo matlole ka go arogana ditshenyegelo. Le fa go le jalo di-SMME di tshwanetse tsa supa kgono ya kgolo le pakego ya ditiro gore di bone thuso ya matlole.
Dintlha tsa Kgokagano tsa TEP
Mogala: 804 5750 Fekese: 802 8448
Mogala: 525 6660/1
Selula: 083 473 0153
Fekese: 525 6663
Mogala: 461 5735
Fekese: 461 5775
Mogala: 752 2300
Selula: 083 265 8598
Fekese: 752 3496
Mogala: 444 0070 Selula: 083 413 3710
Fekese: 444 0579
KAPA BOTLHABA
Selula: 083 236 8171 Fekese: 585 3902
Mogala: 295 7883 Selula: 083 488 6323
Fekese: 295 7294
Lenaneo la Kgwebo la Bojanala ga le rebole matlole a tse di latelang:
Matlole a dithoto
Tlhagiso kgotsa go tshwaela mo tekanong
Matlole a go simolola
Ditshenyegelo tsa go dira.
Le fa go le jalo re thusa go kgonagatsa tiro ya go bona matlole le tekano.
Go tla nja bokae go nna le seabe?
Ga o duele sepe go kwadisa. Kwadiso e a patelesega go bona kemonokeng ya TEP.
Ke itse jang fa e le gore ke a tshwanela
Gore o tshwanele, o tshwanetse wa nna SMME -
O dira jaaka mogwebi yo a tlhamaletseng wa bojanala, sekao: loje, hotele, marobalo le difitlholo, mogwebi wa maeto, mosupatsela, jalo le jalo, kgotsa
O dira jaaka motlamedi wa dithoto le / kgotsa ditirelo mo kgwebong ya semmuso ya bojanala e e bonang bonnye jwa 50% ya lotseno la yona mo ditirong tse di amanang le bojanala
O rata go arogana ditshenyegelo tsa thuso
O rata go rebola tshedimosetso ya kgwedi le kgwedi ya lotseno le ditiro.
Mararang a Tshedimosetso le Kaelo ya Kgwebo (BRAIN)
Maikemisetso a BRAIN ke go rebola ditirelo le tshedimosetso ya boleng jo bo kwa godimo ka tiriso ya dipopego tse di leng teng tsa tlamelo go netefatsa tokafalo mo kgwebong ya di-SMME, go lebilwe thata Batho ba ba Sitetsweng go ya ka Hesitori le dikgwebo.
Lenaneo la Mararang a Tshedimosetso le Kaelo ya Kgwebo (BRAIN) le simolotswe ke Lefapha la Kgwebo le Madirelo mme jaanong le laolwa ke Teresete ya NAMAC.
Lenaneo la BRAIN le ikaegile ka dipilara di le tharo:
Ditokololo tsa Kgokagano tsa Bosetšhaba
Lenaneo le gokagane le ditheo tse di emangnokeng kgwebo go kgabaganya naga gore le tle le tlisetse ditšhaba tsotlhe mo Aforika Borwa ditirelo. Badiri ba setheo ba katisitswe mo metsweding ya tshedimosetso ya BRAIN le go matlafatswa gore ba tlhagisetse badirisi mo ditshabeng tsa bona tiro e e tokafatseng.
Websaete ya BRAIN e na le ditsebe di feta 300 tsa tshedimosetso e e tletseng ya kgwebo. Tshedimosetso e katolosiwa le go kaonafatswa ka metlha. Saete e gogela baeng ba feta 27,000 ka kgwedi mme bontsi jwa bona ke ba dinaga tsa boditšhaba ba ba ratang go dira kgwebo le ditlamo tsa Aforika Borwa. Saete e bonako mme e bonolo go batlisisiwa kgotsa go tlhatlhobiwa
Setheo sa Bosetšhaba sa Tshedimosetso
Setheo se tlametswe ke bagokaganyi ba tshedimosetso ya kgwebo ba ba kgonang go fitlhelela metswedi e mentsi ya tshedimosetso. Setheo se amogela dingongorego ka mogala, fekese, Imeile, poso le ka sebele. Dingongorego tsa motheo di arabiwa mo letsatsing fa dipatlisiso tse di matswakabele di arabiwa mo sebakeng sa beke kgotsa tse pedi go ya ka maemo a patlisiso le go nna teng ga modirelwa go amogela tshedimosetso. Dipatlisiso tsotlhe di tsenngwa mo polokelong ya dintlha mme modirelwa o a letsetwa go netefatsa gore o amogetse tshedimosetso e e maleba.
Dingongorego di ka falogana go tswa go tse di bonolo, jaaka sekao: "Ke mang a ka nthusang go tlamela kgwebo ya me ka matlole?, go fitlha go tse di matswakabele tse di amang tiro ya go tlhama, mebaraka ya boditšhabatšhaba, tlolo ya pheitente, jalo le jalo. Go fitlhelela maano a a bonolo a kgwebo, Lokwalokgang la kgwedi le kgwedi le le botlhokwa la di-SMME le tshedimosetso e nngwe e e mosola, tsena mo www.brain.org.za
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 349 0100
Fekese: 349 2850
Letlole la Bašwa la Umsobomvu
Letlole la Bašwa la Umsobomvu le tlhomilwe ka 2001 ke Mmuso wa Aforika Borwa go rarabolola dikgwetlho tsa bašwa ba bantsi ba ba sa direng mo Aforika Borwa.
Lenaneo la Boutšhara ya Kemonokeng ya Tlhabololo ya Kgwebo:
Letlole la Bašwa la Umsobomvu le simolotse Lenaneo la ntlha la Ditirelo tsa Boutšhara la Tlhabololo ya Kgwebo kwa diporofenseng tse di latelang: Kapa Botlhaba, Gauteng, KwaZulu-Natal, Limpopo le Kapa Bophirima. Boutšhara ke lokwalo le le fiwang badirelwa ba ba tlhophilweng go ba letla go reka ditirelo tsa kemonokeng ya kgwebo (thuso ya sethekeniki) go tswa mo lenaneong la batlamedi ba ba amogetsweng ba ditirelo. Lenaneo la Boutšhara bogolo thata ke la bašwa ba ba magareng ga dingwaga di le 18 le 35, mme le tla thusa bagwebi ba bašwa go fitlhelela ditirelo tse di latelang tsa kemonokeng ya tlhabololo ya kgwebo.
Palotlotlo
Maano a kgwebo
Maano a papatso
Kwadiso ya setlamo
Go kwala konteraka
Ditirelo tsa kgakololo ya lekgetho
Go thentara
Boemedi ba Tlhatloso ya Kgwebo ba NTSIKA
Tiro ya Ntsika ke go naya lekala la SMME kemonokeng e e seng ya matlole. Ntsika e emanokeng Ditheo tsa Selegae tsa Tirelo ya Kgwebo di le 140 (LBSC). Dirisa nomore ya mogala e e sa duelelweng e e fa tlase go bona gore ke LBSC e e leng gaufi le wena.
Dintlha tsa Kgokagano:
Yuniti ya Ditirelo tsa Tlhabololo ya Kgwebo
Fekese: 315 0527
Dintlha tsa Kgokagano:
Tsholofelo Kgole
Mogala: 483 2000
Ntle le Tuelo: 0800 11 38 57
Fekese: 341 1929
Fa o sena o nna le leano la gago la kgwebo, o ka le dirisa go bona matlole a kgwebo ya gago. Lemoga gore le fa go na le mananeo a mantsi a go tlamela dikarolo tse di rileng tsa kgwebo ya gago. Netefatsa gore o buisitse le go tlhaloganya mabaka otlhe pele o ikgolaganya le batlamedi bano ba matlole kgotsa o ka senya nako le maatla. Re dirile lenaneo la mekgatlho e e ka go thusang ka matlole le go tlhagisa ka botlalo se e dirang ka sona le dintlha tsa dikgwebo tse e di tlamelang ka matlole.
Nka bona kae tšhelete go simolola kgwebo ya me?
Lefapha la Kgwebo le Madirelo
Makala a mabedi a Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Mokgatlho wa Kgwebo (TEO) le wa Kgwebo le Dipeeletso wa Aforika Borwa (TISA) o thusa di-SMME.
Thuso e ke ya mehuta e e farologaneng ya dithoetlo tse bogolo e leng tsa matlole tse di ka bonwang ke dikgwebo tsa bojanala. Ba dira kopo ya katoloso ya thoto, thuso ya papatso, katiso le tlhabololo. Mo sebakeng seno Lefapha la Kgwebo le Madirelo le sekaseka bontsi ba dithotloetso tse go oketsa tsweletsopele ya tsona mo dikgwebong tse di amanang le bojanala. Disekema tse tsa thotloetso di kwadilwe mo dikgaolong tse di farologaneng tse di maleba.
Lenaneo la Tlhabololo ya Dikgwebo tse di mo Magareng le tse di Potlana (SMEDP)
Lenaneo la Tlhabololo ya Dikgwebo tse di mo Magareng le tse di Potlana (SMEDP) le rebola dithotloetso tsa dithuso tsa tšhelete go thusa bojanala mo dikgwebong tse di maleba mo Aforika Borwa morago ga go tlhomiwa ka mokgwa wa pusetso. Thuso e fiwa dikgwebo tse dintshwa le tse di leng teng tse di eletsang go atologa.
Ke diporojeke dife tse di tlamelwang?
Dikgwebo tse di mo Aforika Borwa.
Diporojeke tse dintshwa le katoloso ya tse di leng teng.
Dikgwebo tsa marobalo / kgotsa dijanaga tsa bojanala tse di nang le kgono ya kgolo ya bonnye jwa 25% mo ngwageng wa ntlha wa ditšhelete.
Dikgwebo tse di tlhaotsweng go nna batlhagisi ba bonno jwa paka e khutshwane, sekao: dihotele, marobalo le difitlholo, diloje le di tšhalete.
Badirisi ba maeto ba ba direlang bajanala fela.
Dikgwebo tse di nang le ralawei ya poraefete, tsela ya kheibole ya kwa godimo, dipalangwa tsa thwalo tsa mo metsing a matamo, matsha le tse dingwe.
Thuso ya tšhelete e e senang lekgetho ya dingwaga di le pedi e e ikaegileng ka tlhotlhwa ya dipeeletso mo kagong, fanitshara, didirisiwa le dijanaga.
Thuso ya tlaleletso ya tšhelete ya ngwaga wa boraro ya kgwebo fa e le gore kabo ya lenaneo ina la tuelo e e tlhagisiwang go ya ka tlhotlhwa ya tsamaiso ke ya bobotlana ba 30%
Thotloetso e kgolo ya R3 050 000.00 ka ngwaga ya dikgwebo tse di nang le dipeeletso mo dikagong, fanitshareng, didirisiwa le dijanaga.
Ke dira kopo jang?
Bona bukana ya tshedimosetso le foromo ya kopo go tswa go Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Mokgatlho wa Kgwebo (TEO).
Isa foromo go Lefapha la Kgwebo le Madirelo, TEO go sekasekiwa.
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 310 1288 / 1279
Fekese: 322 0115
Tirisano ya Poraefete ya Batho ba Setšhaba (CPPP)
Bojanala jo bo Ikaegileng ka Setšhaba ke eng?
Gantsi ditšhaba tsa magae ke tsona dikgaolo tse di humanegileng thata mo nageng. Tirisano e, e tsweletsa bojanala jo bo amang setšhaba sa magae mo tlhabololong, tsamaisong le go nna beng ba dikgwebo tsa setšhaba tse di tsweletsang le go tsosolosa ikonomi ya magae ka tiriso ya metswedi ya tlhago le ya setso. Bojanala jo bo ikaegileng ka setšhaba bo ikemiseditse go tlhagisa maitemogelo a a kgethegileng a nnete a setso sa Aforika Borwa, a a tla tlaleletsang mo pharologanong ya dikgogelo le maitemogelo a bodirelo jwa bojanala.
Tirego e akaretsa tse di latelang:
Go thusa mo go bopiweng ga kgwebo e e tshwaraganetsweng kgotsa tirisano.
Go thusa mo kokoanyong ya matlole.
Go gokaganya tshwaragano ya bannileseabe botlhe go emanokeng kgwebo.
Go thusa mo kwadisong ya kgwebo le kago ya bokgoni ba setšhaba.
Go thusa le go tlamela ka matlole go kwalwa ga thuto ya kgonego le maano a kgwebo le dithuto tse dingwe tse di tlhokegang mo tswelelopeleng ya kgwebo.
Go thusa mo kagong ya bokgoni le tlhabololo ya kitso ya ditokololo tsa setšhaba.
Go tshwaelo le go abela mo mekgatlhanong ya bojanala ya mebasepala ya selegae le ya porofense go rulaganya le go tlhabolola bojanala mo dikgaolong tsa magae.
Go thusa mo kamogelong le go akaretswa ga bojanala ba selegae mo dithulaganyong tsa bosetšhaba le mo maanong a papatso a porofense.
Go thusa ka tlhabololo le gore badirisi ba maeto ba nne le seabe mo ditseleng tsa bojanala tsa setšhaba.
Tekanyo:
Beng ba setšhaba
Kgonego ya kgolo
Tswelelopele
Pako ya ditiro
Go kgona go kopisa kgotsa go tlhagisa gape kgopolo
Dintlha tsa Kgokagano
CPPP: Monolofatsi wa Tlhabololo ya Bojanala
Mogala: 313 3328 / 3065
Fekese: 313 3670
Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo (IDC)
Lekala la Kgwebo la Bojanala la Koporasi ya Tlhabololo ya Madirelo le tlamela ka matlole ditshenyegelo tse dikgolo tsa matlotlo mo dikgwebong tsa bojanala ka dikadimo.
Mabaka a magolo a tlhopho ya tekanyo ke ano:
Ikonomi ya porojeke e tshwanetse ya kgonega.
Tlhotlhwa ya kadimo ya IDC e tshwanetse ya feta diranta di le milione o le mongwe.
Go tlhokega gore mong a ntshe 40% ya paloyotlhe ya porojeke.
E ka fokodiwa go ya go 20% mo diporojekeng tsa matlafatso
Mehuta ya diporoje e e ka amogelwang go newa matlole e akaretsa.
Ditshiamelo tsa bonno
Dikago
Ditlhabololo
Dintlafatso
Dikatoloso
Diporojeke tse dingwe tse di batlang matlole thata.
Mehuta ya ditshiamelo tsa matlole a a leng teng di akaretsa:
Dikadimo tse bogolo thata di leng magareng ga dingwaga di le 5 go ya go di le 15
Dituelo go tsamaelana le tsamaiso ya kheše
Kgonagalo ya go emisiwa ga go busiwa ga matlole mo dingwageng tse di fitlhang go di le 2
Kgobokano ya tsalo go fitlha go dingwaga di le 2.
O ka dira kopo ya matlole ka tlhagiso ya leano la kgwebo le le tlhalosang porojeke e e ikaeletsweng le ditlhokego tsa yona tsa matlole. Leano la kgwebo le tshwanetse la nna le tshedimosetso e e tletseng ya mokopi, porojeke, tlhotlhwa, maano a papatso, thapo le tekanyetso ya bonnye jwa dingwaga di le tlhano go kgontsha IDC go sekaseka kgonagalo ya kgetse ya gago ya kgwebo. Dikaelo di teng kwa lekaleng la maano a kgwebo ya bojanala
Dintlha tsa Kgokagano
Mogala: 269 3509
Fekese: 269 3709
Letlole la Tlhabololo la Eskom
Maikaelelo a Lefapha la Tlhabololo la Dikgwebopotlana la Eskom ke go tlhoma Dikgwebo tse di Potlana, tse di Magareng le tse Dikgolo (SMME) tse di tla tsweletsang Matlafatso ya Ikonomi ya Bantsho (BEE) le go oketsa thekiso ya motlakase mo dikgaolong tse Eskom e di tlamelang ka motlakase. Gore go fitlhelelwe maikaelelo ano, di-SMME di fiwa kemonokeng mo makaleng a a latelang:
Thuso mo tlhomong ya dikgwebo
Thuso mo dikgwebong tsa temothuo
Maano a kgwebisano
Katiso ya bokgoni jwa kgwebo
Phitlhelelo ya matlole
Tsweetswee ela tlhoko:
SBD ya Eskom ga e neye bagwebi matlole mme e sireletsa karolo ya kadimo e e bonweng ka Letlole la rona la Thotloetso.
SBD ya Eskom ga e ne e rekela bagwebi didirisiwa tsa matlole kgotsa go duela matlole a go dira.
Dikopo di tshwanetse tsa tlhaga mo ditshabeng tse di sitetsweng.
Dikgwebo tse di tshikinngwang di tshwanetse tsa dirisa motlakase KGOTSA tsa emanokeng maiteko a maano a Eskom, sekao: Patlo ya Botsamaisi jwa Lefelo le Bodirisi.
Tsweletso ya tlhabololo ya kgwebo go ya ka pholesi ya theko ya ESKOM ya Matlafatso ya Bantsho mo Ikonoming (BEE). Thuso tse di ka nnang teng tsa matlole a dikgwebo tse di engwangnokeng ke Eskom di ka akanngwa mo dikarolong tse di latelang:
Katiso ya bokgoni jwa kgwebo (thekeniki mmogo le kgwebo)
Kgonego, dithuto tsa papatso le ditshiamelo tsa leano la kgwebo.
Kgomaganyo ya mafaratlhatlha a motlakase.
Diselepe tsa konkereite tsa kgwebo ya dikhontheinara.
Phitlhelelo ya ditshono tsa kgwebo le kgwebisano.
Kitsiso, papatso le go simololwa ga dikgwebo tse di engwanokeng ke Eskom.
Disaene tsa dikago tsa kgwebo
Tlhotlhwa ya semolao le ya tsamaiso ya go fetisiwa ga ditshiamelo.
Dintlha tsa kgolagano:
Mogala: 800 4040
Fekese: 800 2340
Bagwebisani ba Kgwebo
Bagwebisani ba Kgwebo ke setlamo sa setšhaba se se seng mo lenaneong se se rulaganyang dipeeletso le ditharabololo tse di mosola go diragatsa ditlhokego tse di rileng tsa mogwebi yo a ikemisetseng.
Dingwe tsa ditiro tse dintsi tse setlhopha se di rebolang go thusa le go kgontsha bagwebi ke tseno:
Metseletsele ya dikwalo tsa tshedimosetso e e bonwang kwa ntle ga tuelo kwa diofising tsa Business Partners / Bagwebisani ba Kgwebo.
phitlhelelo e e bonolo ka mararang a naga ka bophara a diofisi di le 23 tse di rebolang kgokano e e sa duelelweng ya tshimologo ya bagwebi ba ba nang le leano la tiro le le dirang.
lefelo la tshedimosetso la bagakolodi ba feta 200 le bomankge ba ba leng teng go dirisiwa ke badirelwa ka dituelo tse di amogelesegang tse Business Partners e di rulagantseng mo boemong jwa bona.
Tirelo ya kgokaganyo ya dikago go emanokeng bagwebi mo go boneng mafelo a ba ka a hirang kgotsa dikago tse di tshwanetseng tse ba ka di rekelang dikgwebo tsa bona.
Tirelo ya tsamaiso ya dikago tsa bagwebi ba ba nang le mafelo a magolo a a laolwang kgotsa mafelo a dipeeletso a a tlhokang botsamaisi jo bogolo.
Peeletso mo Bagwebing:
Business Partners e dumela fa kgwebo ya yona tota e le batho mme e ikemiseditse go beeletsa tota mo bagwebing.
Dibanka tsa Kgwebo (Makala a Potlana a Kgwebo)
Dibanka tsotlhe tsa kgwebo di rebolela badirelwa ba ba amogetsweng dikadimo. Ikgolaganye le lekala la gago ka tlhamalalo kgotsa Lekala la Potlana la Kgwebo jaaka go kwadilwe fa tlase. Gakologelwa gore ga o patelesege go dirisa banka ya gago ya jaanong fela ka ntlha ya gore dinako dingwe o ka bona thusa e e botoka kwa bankeng e nngwe e e lekang go gogela kgwebo ya gago.
Mogala: 224 8818
Fekese: 834 2798
Mogala: 377 1000
Fekese: 377 1122
Mogala: 371 55 79
Fekese: 371 8528
Mogala: 630 6767
Fekese: 630 6820
Selula: 083 327 2953
Mogala: 630 7107
Fekese: 630 6820
Selula: 072 679 4200
Golagana le Ofisikgolo go bona dintlha tsa lekala le le gaufi le wena:
Mogala: 480 8700
Kgwebo ya Matlotlo ya Khula
Sekema sa Tshireletso ya Keretiti sa Khula ke eng?
Dinako dingwe go bona ditshiamelo tsa keretiti go ka nna boima gonne gantsi motlamedi wa matlole a ka batla thoto e e tshwanang le ntlo go sireletsa kadimo. Sekema sa Tshireletso ya Keretiti sa Khula se tlhomilwe go naya batho ba ba batlang go simolola kgwebo e nnye go fitlha go e e mo magareng matlole mme ba ka tswa ba se kile ba nna le tshono ya go kokoanya lehumo kgotsa dithoto tse dingwe go di rebola jaaka tshireletso (pabalasego) kwa bankeng gore ba tle ba bone kadimo. Mo lebakeng le, dibanka di ka dira kopo kwa go Khula go bona tshireletso e e tla dirang jaaka tshireletso ya 80% ya paloyotlhe ya kadimo, (ka palogodimo ya kadimo ya diranta di le milione). Dibanka tse di nang le seabe di akaretsa:
Lebaka la go tlhophiwa:
Netefaletso ya Keretiti le Tirelo ya Kemonokeng di rebolelwa batho ba ba latelang:
Ba ba batlang go adima magareng ga R50 000 le R1 000 000
Ba e leng baagi ba Aforika Borwa
Ba ba tla amegang mo tsamaisong ya letsatsi le letsatsi ya kgwebo mo nakong e e tletseng.
Ba ba ka rebolang kheše ya bona ya bonnye jwa 10%. Go dirisiwa mo go simololeng kgotsa go katolosa kgwebo.
Ba ba nang le rekoto e e phepa ya matlole.
Tshireletso ya Keretiti e teng mo kgwebong e ntshwa kgotsa mo kgwebong e e ntseng e le teng mme e batla go atologa. Mabaka a, a tshwana mo mabakeng a mabedi a. Tsweetswee ela tlhoko gore Sekema sa Tshireletso ya Keretiti se ka se dirisiwe mo dithekong tsa go reka o rekisa (sekao: fa mogwebi a batla go bula kgwebo ya bobedi mme a dira gore e laolwe ke molaodi).
Tsela ya go dira dikopo:
Modirelwa o golagana le Ofisi ya Kgakololo ya Kgaolo ya Khula go bona Leano lwa Kgwebo kgotsa kemonokeng ya kgakololo.
Mogokaganyi wa kgaolo o atlanegisa mogakolodi morago ga tshekatsheko ya Leano la Kgwebo kgotsa kopo ya kgakololo. Tirelo ya Kemonokeng ya Setheo ya Khula e tla tlhoma mogakolodi.
Modirelwa yo a nang le Leano la Kgwebo le le feletseng o tla ikgolaganya le banka ya kgwebo go dira kadimo.
Banka e sekaseka Leano la Kgwebo le kopo go ya ka maemo a yona a kadimo.
Banka e tla rebola kadimo fa e kgotsofetse.
Fa kadimo e sena go fetisiwa go ka nna le tlhokego ya gore mogakolodi a tlhomiwe go thusa modirelwa ka tiragatso ya Leano la Kgwebo le taolo ya kadimo.
Fa kgwebo e itemogela mathata go ka nne ga tlhokega kgakololo ya paakanyo go thusa kgwebo ka go rebola ditharabololo tse di rileng go thusa go fitlhelela maikaelelo a yona.
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 315 0036 / 7
Fekese: 315 7436
Mogala: 671 9056
Fekese: 671 9228
Mogala: 301 1916 / 7
Fekese: 301 1922
Mogala: 721 0437 / 0442
Fekese: 721 0445
Mogala: 363 2570
Fekese: 363 2571
Bloemfontein
Mogala: 430 0275 / 3203
Fekese: 430 0949
Mogala: 594 2570
Fekese: 594 2575
Tsweetswee ela tlhoko gore tshedimosetso e e rebotswe ke Khula. Go bona tshedimosetso e ntsi ikgolaganye le bona mo 807 8464
Seabe le tiro ya RFI ke go nolofatsa kadimo le matlole a tekano go dikgwebo tse di nnye, tse di mo magareng le tse dikgolo ka go rebola metseletsele ya metswedi ya matlole le go naya setšhaba tshedimosetso. Maikaelelo a Khula ke go netefatsa tokafalo ya go nna teng ga kadimo le matlole a tekano a di-SMME ka go rebola dikadimo, matlole a go simolola le tshireletso ya di-RFI tse di batlang matlole le bokgoni.
NOMORE YA MOGALA, LEBAKA LA DITLHOTLHWA TSA KADIMO, LEFELO
Matlole (NEF) Batshwarwa ba pele
Ditirelo tsa Tlhabololo 336 0047 dikgwebo go feta dikgwedi di le 6.
Ba sa dire matlole a rebolwang
Dikgwebokgolo fela.
Matlole
Tlamela dikgwebo go feta dingwaga tse di fetang 2
Ditirelo
Marang Financial 804 0248 / 0819 Ditlhopha tsa Kopano R500 -
Ditirelo 3895 / 3730 dikgwebo tse di amanang
KAPA BOPHIRIMA
R250 000 Claremont Tlamela dikgwebo ka matlole go feta dingwaga di le 2.
Matlole
Matlole (NEF) Batshwariwa ba pele
KAPA BOTLHABA
Matlole a Kgwebo 487 0190 Batho ba ba nang le R5 000 - R100 000
Dikgwebo tsa baemedi, Kitsiso
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
LEINA LA RFI, NOMORE YA MOGALA, LEBAKA LA PALO YA KADIMO, LEFELO
MPUMALANGA
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Setheo sa Tlhabololo ya Bagwebi
Setheo sa Tlhabololo ya Bagwebi
Setheo sa Tlhabololo ya Bagwebi
Kgwebopotlana 307 5837 / 5418 Ditlhopha tsa Kopano R 500 -
Setheo (SEF) Ditirelo ya motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ditirelo tsa motho
Ithala Development 907 8784 Batho go fitlha go R2 000 000
Ithala Development 309 1073 Batho go fitlha go R2 000 000
Ithala Development 682 3254 Batho go fitlha go R2 000 000
Ithala Development 794 2301 Batho go fitlha go R2 000 000
Ithala Development 345 8351 Batho go fitlha go R2 000 000
Ithala Development 367 8410 Batho go fitlha go R2 000 000
Tlamela dikgwebo ka matlole go feta dingwaga di le 2
Marang Financial 301 2295 Ditlhopha tsa Kopano R500 - R3 000
Ditirelo tsa motho
Marang Financial 701 1486 Ditlhopha tsa Kopano R500 - R3 000
Ditirelo tsa motho
Marang Financial 394 1655 Ditlhopha tsa Kopano R500 - R3 000
Ditirelo tsa motho
Marang Financial 831 0800 Ditlhopha tsa Kopano R500 - R3 000 Nongoma
Ditirelo tsa motho
Letlole la Bosetšhaba la Matlafatso le tlhomilwe ke Molao wa 105 wa 1998 wa Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba go matlafatsa batho ba ba sitetsweng go ya ka ditiragalo ka ditiro tsa matlole le peeletso.
Dikgwebo tsa NEF - Lebaka la Peeletso
Tlhagiso:
Letlole le tla rebola tekano le tekano e e beetsweng nako ya matlole a ditheko tsa matlafatso tse di amang Batho ba ba Sitetsweng ka Ditiragalo (HDP). Di-HDP di tlhaloswa e le batho kgotsa makala a batho ba pele ga temokerasi e ntshwa e e supilweng ke go amogelwa le go dirisiwa ga Molao wa Molaotheo wa Riphaboliki ya Aforika Borwa ka 1996 (Molao wa 108 wa 1996), ba neng ba sitelwa ka kgethololo e e sa siamang e e neng e ikaegile ka morafe wa bona.
Dikumo tsa Letlole la Matlafatso la Bosetšhaba tsa Kemonokeng ya Mogwebi:
Kumo 1: Tshimololo: Letlole la go Simolola
Peeletso e simolola ka R250 000 go fitlha go diranta di le milione. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa go bakiwa ga dikgwebo tse di laolwang le go nna tsa bantsho tse di nang le bokgoni go nna dikgwebo tse di potlana / tse di magareng tse di tswelelangpele. Matlole ano a tla nnang mo sebopegong sa sekoloto le tekano a tla dirisiwa go reka didirisiwa, matlole a go dira, matlole a thuso, go bona laesense kgotsa forantšhaese mmogo le tsosoloso, dikhiro le dibonto tsa go dira.
Setlamo se se tshwanelwang ke letlole le se tshwanetse go nna Close Corporation, Koporasi kgotsa (Pty) Ltd mme 75% ya sona e tshwanetse ya laolwa le go nna ya bantsho.
Kumo 2: Tshimololo / Letlole la Katoloso la Madirelopotlana
Peeletso e farologana go tswa go diranta di le milione go ya go dimilione di le 3. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa kgolo le tlhabololo ya dikgwebo tse di leng teng tse di laolwang le go nna tsa bantsho ka go rebola tšhelete ya katoloso. Letlole le le tla nnang mo sebopegong sa sekoloto le tekano le tla dirisiwa mo katolosong le mo thekong ya kgwebo.
Bodirelo jo bo tshwanelwang ke letlole le, e tshwanetse ya nna Close Corporation kgotsa (Pty) Ltd, bakaelo ba tshwanetse ba amega mo tsamaisong, boleng jwa kgwebo pele ga peeletso bo tshwanetse ba nna magareng ga diranta di le milione le dimilione di le lesome mme 51% ya yona e tshwanetse ya nna le go laolwa ke bantsho.
Kumo 3: Phetolo / Phetolo ya BEE ya Madirelo a Bogolo bo bo Magareng
Peeletso e farologana go tswa go diranta di le dimilione di le tharo go ya go diranta di le dimilione di le lesome. Maikaelelo a kumo ke go kgonagatsa go fetolwa ga beng jwa bodirelo le go tlhotlheletsa gore bontsi jwa badiri e nne beng.
Matlole a a tla tlang mo sebopegong sa sekoloto le tekano a tla dirisiwa mo go ntsheng botsamaisi, go tsenngwa ga badiri le gore badiri e nne beng ba dišere. Bodirelo jo bo tshwanelwang ke letlole le, e tshwanetse ya nna setlamo se se seng mo lenaneong sa Limited, bakaelo ba tshwanetse ba amega mo tsamaisong, boleng jwa kgwebo bo tshwanetse ba nna magareng ga diranta di le dimilione di le lesome le diranta di le dimilione di le somamatlhano mme tekano ya 26% e tshwanetse ya lebisiwa mo beng ba bantsho.
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 772 8014
Fekese: 772 8100
Matlole a Tlhabololo a Porofense
Bontsi jwa diporofense bo na le matlole a tsona a tlhabololo. Dirisa lenaneo le go ikgolaganya le tsona ka tlhamalalo go bona dintlha tsa go ya pele.
Lefapha la Merero ya Ikonomi le Bojanala la Kapa Bokone
Katiso le Keretiti e Kgolo ya Pako ya Badiri mo Aforika Borwa
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 830 4811 / 36 Mogala: 830 4819
Fekese: 831 3668 Fekese: 831 3668
Ithala e dira go kgabaganya karolo yotlhe ya tlhabololo mo porofenseng ya KwaZulu-Natal mme tiro e kgolo ke go kgonagatsa peeletso ya bojanala mo porofenseng.
Dintlha tsa Kgokagano:
Koporasi ya Matlole a Tlhabololo ya Ithala
Mogala: 907 8812 (Tlhamalalo)
Bothati jwa Bojanala ba Gauteng
Letlole la Tlhabololo ya Bojanala
Dintlha tsa Kgokagano
Tlhabololo ya Kgwebo - Rre. Mpho Moeti
Mogala: 340 9000
Fekese: 327 7000
Koporasi ya Tlhabololo ya Kapa Botlhaba (ECDC)
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 704 5600
Fekese: 743 8429
Lefapha la Kapa Bophirima la Ikonomi, Tlhabololo le Bojanala
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 483 4165
Fekese: 483 3018
Jaanong ka ntlha ya fa ke simolotse le go dira...
Kemonokeng e e tsweletseng ya kgwebo
Ka go tlhoka lesego bontsi jwa dikgwebo tse dintshwa bo a retela mo dingwageng tsa ntlha tse tharo tsa go dira ga tsona. Go botlhokwa go dirisa thuso yotlhe e leng teng go netefatsa katlego ya gago.
Khula ka Lenaneo la yona la Bogakolodi la Thuso e thusa go duelela ditirelo tsa mogakolodi yo a nang le maitemogelo mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo go tloga mo kabong ya kadimo.
Se se ikaegile ka go diriwa ga konteraka magareng ga Thuso le Mogakolodi, e e tlhalosang maikaelelo a Bogakolodi ka sekala sa nako sa tlhagiso.
Go bona tshedimosetso e e tletseng ya Khula le dintlha tsa kgokagano e ya kwa tsebeng ya 19.
Kgakololo ya Forantšhaese le Mararang a Tshedimosetso
Mohuta wa kgwebo o o tumileng thata mo Aforika Borwa ke wa forentšhaese. Go reka forentšhaese go raya gore o na le tshiamelo ya go dirisa leina le go kopisa mohuta wa kgwebo e e leng teng. Wimpy, Kentucky Fried Chicken le SAA City Centre ke dikao tsotlhe tsa forantšhaese kwa lekala lengwe le lengwe la kgwebo le nang le mong yo a ikemetseng.
FRAIN e tlhomilwe ke Mokgatlho wa Forentšhaese wa Borwa jwa Aforika (FASA) ka kemonokeng ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo (DTI). Maikaelelo a yona ke go tlhagisa tshedimosetso ya maemo a a kwa godimo le ditirelo tsa kemonokeng mo bathong le di-SMME go netefatsa kgolo le tokafalo ya dikgwebo tse di leng teng le tse dintshwa tsa dikgwebo tsa forantšhaese. Kgatelelo e mo bathong ba ba sitetsweng go ya ka ditiragalo, basadi le bašwa, mme maikemisetso ke go thusa mo go golaganeng le ikonomi e kgolo.
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala 349 0100
Fekese 349 2851
Go bapatsa kgwebo ya gago
Go bapatsa kgwebo ya gago ya bojanala
Fa kgwebo ya gago ya bojanala e sena go ema le go dira o tla tshwanelwa ke go gogela bareki le go ba tshola. Ditlamo tsotlhe tsa bojanala - go tloga go matlo a mannye a baeng go fitlha mo ditlhopheng tse dikgolo tsa hotele tse di nang le mafapha a tsona a kgwebo- di ipapatsa ka tsela nngwe.
Papatso ke eng?
Re kaya eng ka papatso? Ka tlwaelo o akanya ka thekiso kgotsa dibukana. Ano ke mabaka a a bonalang a papatso. Mme go na le papatso e ntsi go na le dithekiso le dibukana, ke metseletsele e mentsi ya ditiro tse di rulagantsweng go supa le go kgotsofatsa bareki. Papatso ga se tiro ya nako e le nngwe ya go rarabolola mathata a kgwebo. Ke tirego mme e tshwanetse ya nna karolo ya kgwebo ya gago ya letsatsi le letsatsi. Tota papatso e amana le:
Go baka sengwe se se tlhokwang ke bareki ba ba ka nnang teng.
Go rebola kumo ya gago mo lefelong le le siameng le go gogela bareki.
Go rebola kumo ya gago ka tlhotlhwa e e amogelesegang le go lolama.
Go dira gore bareki ba ba ka nnang teng ba itse ka kumo ya gago ka mekgwa e mentsi ya kgokagano.
Go tsenela dipontsho tsa selegae le tsa boditšhabatšhaba.
Motswako wa papatso o leba mabaka a mane a magolo a a tshwanetseng a tsewatsia go dira gore kgwebo ya gago e atlege.
Kumo
Lebaka la ntlha re le bitsa kumo. Fa re naya sekao: se e ka nna phaposi kwa ntlong ya gago ya baeng, loeto, kgotsa dijo tsa reseturente. Ke se batho ba batlang go se reka se se diragatsang ditlhokego tsa bona.
Tlhotlhwa
Le le latelang re le bitsa tlhotlhwa eo batho ba ipaakanyeditseng go e duelela kumo ya gago. Tlhotlhwa e e amogelesegang ke e e nayang modirisi boleng jwa tšhelete (VFM).
Lefelo
Lebaka la boraro ke lefelo le le kayang gore kumo e tshwanetse ya fitlhelelwa ke badirisi gore ba tle ba kgone go e reka.
Kitsiso
Lebaka la bone la motswako wa gago ke kitsiso. Fa o na le kumo e e siameng ka tlhotlhwa e e siameng mo lefelong le le tshwanetseng, o tshwanetse wa e itsise. O tshwanetse wa dira gore bareki ba gago ba itse gore o na le kumo e e siametseng go rekiwa.
Jaaka go apaya, papatso e e atlegileng e tshwakanya metswako mmogo ka selekano se se nepagetseng. Ga go kae gore ka metlha go na le resepi e e tlhomilweng. Mo dinakong tse di farologaneng motswako wa papatso o o tlhokegang o tla farologana. O tla tshwanelwa ke go tsaya ditshwetso ka kumo ya gago, lefelo, tlhotlhwa le kitsiso.
Mebaraka e e lebilweng
Senotlolo sa papatso e e atlegileng ya kgwebo ya gago ke go supa ditlhokego tsa bareki ba gago le se ba se batlang. Go botlhokwa go supa yo a tla rekang kumo ya gago kgotsa ditirelo.
Bareki ba gago ba ka nne ba nna ba dingwaga tse di tshwanang ba nna le lotseno le le tshwanang banna le botshelo jo bo tshwanang ba nna mo dikgaolong tse di rileng tsa jeokerafi
Ka go tlhatlhoba bareki ba gago ba ba ka nnang teng o tla lemoga gore ba ka bewa mmogo. Se se bidiwa mebaraka e e lebilweng. Mmaraka wa gago o o lebilweng ke batho ba tota o lekang go ba gogela mo kgwebong ya gago. Jaaka kgwebo e nnye o tla tshwanela go leba makala a a rileng a mmaraka kantlha ya fa o sa kgone go naya bareki dilo tsotlhe. Tshikinyo ya gago e e kgethegileng ya thekiso (USP) ke eng? Ipotse - ke eng se se dirang gore o farologane le mogaisani wa gago? USP e bolelela moreki sengwe ka kumo e e gaisang mo kgaisanong.
Kitsiso
Morago ga go itse gore bareki ba gago ke bo mang le se ba se batlang, o tshwanetse wa dirisa dithulusu tse di farologaneng tsa kitsiso go ba itsise gore kgwebo ya gago e teng. Go na le dithulusu tse di farologaneng tse di leng teng go itsise kgwebo ya gago. Tse dingwe di dira go feta tse dingwe. Sephiri ke go tlhopha dithulusu tse go bonalang di tla dira thata.
Batho ba ka se reke kumo ya gago fa ba utlwa ka yona mo lokgethong la ntlha. O tshwanetse wa dira gore molaetsa wa kitsiso o kgatlhise. Mongwe wa mekgwa e e dirisiwang thata go netefatsa gore kitsiso ya gago e a dira ke o o itsegeng ka KKKK.
Kelotlhoko - Go bona kelotlhoko ya moreki yo a ka nnang teng - tiriso ya mebala, metlae, ditshwantsho, jalo le jalo.
Kgatlhego - Diteng tsa papatso di tshwanetse tsa dira gore moreki a kgatllhege.
KELETSO - Papatso e tshwanetse ya baka keletso mo bareking go reka kumo ya gago.
Kgato - Kgato ya bofelo ya KKKK ke go supetsa bareki ba gago gore tota ba ka tswelela jang go reka kumo ya gago - ka mantswe a mangwe go raya kgato.
Go na le mekgwa e e farologaneng ya go itsise kumo ya gago, go akaretswa le papatso
Papatso mo kgwebong e nnye e ka nna thulusu e e tlhotlhwa godimo ya kitsiso. Le fa go le jalo, go ka nna botlhokwa mo go wena go tsweletsa maemo mangwe a papatso go oketsa temogo ya kgwebo ya gago. Papatso e tla ka mekgwa e mentsi, jaaka thelebisene, radio, diphousetara, makwalokgang le dimakasini.
Dikamano tsa Setšhaba / Tumiso
Go kaiwa mo bobegakgang e ka nnang thulusu e e e botlhokwa ya kitsiso. Ditiro tsa Dikamano tsa Setšhaba di tlhotlhwatlase le go ikanyega thata go na le phasalatso. Thulusu e e siame mo go direng gore o itsege e bile e botlhokwa thata mo go netefaletseng setšhaba. Godimo ga moo ga go na sepe se se kgotsofatsang thata go na le go buisa se se kwadilweng mo lokwalokgang la selegae kgotsa la bosetšhaba ka kgwebo ya gago. Laletsa babegakgang ba selegae ba radio le ba TV go nna le maitemogelo ka kumo ya gago.
Dibukana le dipampitshana
Fa o sena matlole a go tlhagisa bukana kgotsa dipampitshana ka seporofešenale o ka dirisa khomputara go di dira ka bo wena. Le fa go le jalo go botlhokwa go dirisa tšhelete mo thulusung e ya kgokagano go tlhagisa bukana e e lebegang e le ya seporofešenale. Fa o dira bukana ya gago dira gore e nne khutshwane le go nna bonolo. Fa o rulaganya bukana netefatsa gore e akaretse tshedimosetso e e latelang:
tlhaloso ya setlamo sa gago tlhaloso ya kgaolo ya selegae dikaelo tsa gore o ya jang koo - fa sebaka se letla akaretsa mmapa ditshiamelo tse di leng teng mo setlamong.
tlotlomatso kgotsa sekgele sengwe se o se fentseng ditshwantsho tsa ditshiamelo / lefelo dintlha tsa kgokagano (aterese ya imeile, telefounu, dinomore tsa fekese, websaete, le aterese ya sebele).
Go akaretsa ditlhotlhwa mo dibukaneng tsa gago go tla fokotsa nako ya go dirisa dibukana tse. Gantsi ditlamo di akaretsa letlhare le le farologaneng la dituelo gore fa ditlhotlhwa di fetoga o se gatise gape bukana yotlhe.
Papatso ya Inthanete
O tshwanetse wa akanya ka tlhokomelo gore ke eng o batla go tsenya kgwebo ya gago mo inthaneteng. Go dira websaete go ka se bakele kgwebo ya gago dithekiso ka ponyo ya leitlho, aga websaete fa e le gore tota o a e tlhoka mme fa go le jalo o se ke wa dirisa tšhelete e ntsi mo go yona. Inthanete e botlhokwa mo go reboleng tshedimosetso ya kgwebo ya gago, mme ga e gaise thata mo go rekiseng kumo ya gago ka tlhamalalo. Le fa go le jalo tse ke dikgang tse dintle mo kgwebong e nnye ya bojanala. Go tlhotlhwatlase thata go direla kgwebo ya gago websaete e e bonolo.
Websaete ya gago e tshwanetse ya:
rebola tshedimosetso e ntsi go ya ka fa go kgonegang ka teng ya naya tlhaloso e khutshwane ya se kgwebo ya gago e se dirang akaretsa lenaneo la dikumo le ditirelo tse o di rebolang.
Ditshupetso le dipontsho tsa kgwebo
Go na le dipontsho tsa bojanala le kgwebo go kgabaganya lefatshe jaaka Indaba, ITB le WTM. O ka golagana le Bojanala jwa Aforika Borwa go bona lenaneo la dipontsho tse dingwe. Ditshupetso kwa dipontshong di rebola tshono e kgolo go bontsha kgwebo ya gago le go oketsa dithekiso. Le fa go le jalo, o tshwanetse wa swetsa fa pontsho ya kgwebo e tshwanetse le go nna le mosola go tsenelwa kgotsa go bontsha kwa go yona.
Kgokagano
Kgokagano kgotsa kopano jaaka e bidiwa ka dinako dingwe ke botsweretshi jwa go tlhakatlhakana le badirisi le batlamadi ba ba ka nnang teng mo tiragalong. Netefatsa gore o nna le seabe mo setšhabeng sa gago ka go tsenela dikopano tsotlhe tse di amanang le bojanala, ditlelapa tsa selegae, diforamo tsa bodirelo jwa bojanala, dipuisano le dikonferense. O tshwanetse wa akanya le go tsenela dikopano tsa mekgatlho ya bojanala. Gakologelwa go kwadisa setlamo sa gago mo lefelong la dintlha tsa tshedimosetso la porofense ya gago go netefatsa ditaletso.
Dikitsiso tsa dithekiso
Dikitsiso tsa dithekiso ke ditiro tsa paka e khutshwane tse di lebisitsweng mo go tlhotlheletseng kgatlhegelo ya dikumo le kgwebo ya gago. Ka gongwe o ka swetsa go rebola diphokoletso kgotsa dimpho jaaka maeto a sa duelelweng kgotsa lebotlolo la mofeine. Phokotso ya tlhotlhwa, tsenelo ya dikgaisano, "tse pedi ka tlhotlhwa ya e le nngwe", ke dingwe tsa dikao tsa ditiro tsa kitsiso ya dithekiso.
Thekiso ka bowena
Go botlhokwa thata go ithuta go rekisa kgwebo ya gago. Bojanala ke kgwebo e e amanang le batho mme o tshwanetse wa nna karolo e e bonalang ya kgwebo ya gago.
Papatso ka tlhamalalo
Ditiro tsa papatso ka tlhamalalo di akaretsa ditshwantsho tsa makwalo, go rekisa ka mogala kgotsa go tsena ntlo le ntlwana. O tla tshwanelwa ke go bona lenaneo la barekisi ba ba ka nnang teng. Go bona lenaneo le la makwalo go ka nna tlhotlhwa godimo mo kgwebong e e simololang. Papatso ka tlhamalalo e akaretsa le dipampitshana tse di ka phatlhalatswang ka seatla, poso kgotsa go tsenngwa mo dimakasing kgotsa lokwalokgang la selegae. Dipampitshana ke tsela e e mosola ya go fetisetsa molaetsa wa gago go badirisi ba ba ka nnang teng.
Ditlhogo tsa makwalo le dikarata tsa kgwebo
Di nolofatsa kgolagano ya gago le badirisi. Tlhagisa tshedimosetso e nnye mo dikarateng le mo ditlhogong tsa makwalo a gago go akaretswa le:
leina la gago aterese ya lefelo nomore ya mogala le fekese aterese ya Imeile loko
Dikarata tsa kgwebo ga di tlhotlhwa godimo go diriwa mme ke thulusu e e dirang ka ntlha ya fa badirisi ba di fetisetsa kwa ditsaleng, bamalapa le badirammogo. Netefatsa gore o tshola dikarata tse dintsinyana mo go wena ka dinako tsotlhe go di fetisetsa kwa bareking ba ba ka nnang teng bogolo thata fa o tsenetse pontsho kgotsa tiragalo.
Thuso e e latelang ya papatso e teng:
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Ka lenaneo la tlhabololo ya DEAT / SMME, Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala le busetsa ka bontlhabongwe di-SMME ditshenyegelo dingwe tse di bonweng mo mabakeng a go tsenela dipontsho tsa boditšhabatšhaba. Maikemisetso a thuso e ke go tlhotlheletsa le go thusa ditlamo tsa Aforika Borwa go itsise dikumo tsa tsona mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba, ka go nna le seabe mo dipontshong tse di amogelwang tsa boditšhabatšhaba, tse go tsewang fa di na le tshwanelo ya go tlhatlosa kgwebo ya bojanala ya Aforika Borwa. Dikopo tse go tsewang di sa siamela mmaraka wa boditšhabatšhaba di tla tlhabololwa, ka mananeo a katiso le tlhabololo. Lefapha le tla thusa ka dipontsho tse di latelang:
Dipontsho tsa Boditšhabatšhaba:
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 012 310 3427 / 3875
Fekese: 012 320 4740
Sekema sa Papatso ya Thomelontle le Thuso ya Peeletso (EMIA)
EMIA ke thotloetso ya thomelontle e e busetsang dikgwebo bontlhabongwe jwa ditshenyegelo tsa thomelontle (sekao: go tsenela dipontsho, dipatlisiso tsa papatso). EMIA e na gape le dithotloetso tsa go gogela mo Aforika Borwa dipeeletso tse dintshwa tse di tlhamaletseng tsa boditšhaba.
Go bona dintlha tsa go ya pele tsweetswee letsetsa setheo sa tlhokomelo ya badiri mo 0861 843 384 kgotsa etela websaete e: www.thedti.gov.za.
Lenaneo la Kgwebo ya Bojanala (TEP) le lona le naya thuso ya papatso - leba tsebe ya bo 10.
THETA, Bothati jwa Bojanala, Kamogelo, Thuto ya Metshameko le Katiso ke Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (SETA) bo bo tlhomilweng mo Molaong wa Tlhabololo ya Bokgoni (Nomore 37 wa 1998) wa Kamogelo ya Bojanala le Lekala la Ikonomi ya Motshameko.
Tirokgolo ya SETA ke go tshwaela mo go tlhatloseng bokgoni - go tlisa bokgoni mo go ba ba thapilweng kgotsa ba ba batlang go thapiwa mo lekaleng la bona. Di-SETA di dira se ka go netefatsa gore batho ba ithuta bokgoni jo bo tlhokiwang ke bathapi le setšhaba.
Le fa THETA ka bo yona e sa rebole katiso, o ka fitlhelela bakatisi ba ba amogetsweng le go kwadisiwa ke THETA. Ditheo tse dingwe tsa thuto jaaka dikolo tsa hotele le diyunibesiti le tsona di rebola dikhoso tse di kwadisitsweng le Bothati ba Borutegi ba Aforika Borwa (SAQA).
Lenaneo la Tlhabololo la Batlamedi ba Kgwebo ya Bantsho (BBSDP)
Tlhagiso le maikemisetso
Maikemisetso a Lenaneo la Tlhabololo la Batlamedi ba Kgwebo ya Bantsho (BBSDP) ke go tsweletsa kgolo ya dikgwebo tsa bantsho ka go thusa go baka dikgolagano tsa kgwebo magareng ga di-SMME tsa bantsho, ditlamo le lekala la setšhaba. Kgokagano e botlhokwa thata mo di-SMME ke go gaisanela ka katlego dithentara go tswa mo ditlamong le lekala la mekgatlho ya setšhaba.
BBSDP e tla rebolela bagwebi ba bantsho ba ba nang le tshwanelo dithuso tsa karogano ya ditshenyegelo go ba thusa go fitlhelela katiso le bogakolodi go fedisa pharologano ya bokgoni e ba nang le yona. BBSDP e tla thusa mo kabong ya matlole a mananeo a katiso, tokafatso ya tsamaiso ya bolaodi, bokgoni bo bo rileng ba bogwebi le tlhabololo ya maano a papatso le didirisiwa.
Dintlha tsa Kgokagano:
Mogala: 011 803 1060
Katiso
Go tlamelwa ka matlole ga kgwebo e e golang kgotsa go katoloswa ga kgwebo ya gago go ka bonwa mo tshedimosetsong e e rebotsweng mo setlhogong se "Nka bona kae tšhelete ya go simolola kgwebo ya me?"
Kgaolo 3 mo bukaneng e.
Ke mang a nang le tshwanelo?
Gore o tle o amogelwe mo thusong ya BBSDP, kgwebo e tshanetse ya nna le ditlhokego tse di latelang:
Bontsi jwa dišere e tshwanetse ya nna tsa bantsho
Bontsi jwa botsamaisi jwa yona e tshwanetse ya nna bantsho
E tshwanetse ya nna le lotseno le le sa feteng diranta di le dimilione di le 12
E tshwanetse ya bo e ntse e dira go feta ngwaga o le mongwe wa ditšhelete
E tshwanetse ya supa kgonagalo e e bonalang ya go gola
E tshwanetse ya diragatsa ditlhokego tsa molao
E tshwanetse ya kwadisiwa le SARS
Matlole:
BBSDP e tla rebola thuso ya matlole go ya ka motheo wa 80 - 20 mme seo se raya gore BBSDP e tla duela 80% ya tlhotlhwa ya katiso ya kgwebo fa kgwebo e tla ntsha 20% ya ditshenyegelo.
Thuso e kgolo e e rebolwang ke BBSDP ke R100 000. Kgwebo e ka nne ya dira kopo ya diporojeke tse dintsi fela fa e le gore dithuso tsotlhe tse di rebotsweng fa di kopaneng ga di fete R100 000.
Ditshenyegelo tse di nang le tshwanelo:
Ditshenyegelo tse di latelang ga di na tshwanelo ya diketleletso tsa karogano ya ditshenyegelo tsa BBSDP:
Rente, badiri le ditshenyegelo tsa dithoto tse di thata.
Matlole le dipeeletso tsa matlole a go dira.
Tiro nngwe le nngwe e e setseng e tlametswe ka matlole ke sekema se sengwe sa mmuso kgotsa setheo se mmuso o se tshegetsang ka bontlhabongwe kgotsa se se amogelang thuso e nngwe ya matlole go tswa go mongwe go na le mo kgwebong.
Dikgwebo tse di batlang go fitlhelela matlole a BBSDP di tshwanetse tsa rebola tse di latelang:
Foromo e e tladitsweng ka botlalo ya kopo e e romelwang go Mokwaledi wa Komiti ya taolo ya BBSDP. Gareng ga tse dingwe kopo e tshwanetse ya totobatsa tse di latelang:
Tlhaloso ya mmaraka wa dikumo kgotsa ditirelo tse di tlametsweng ke Kgwebo.
Leano le le supang gore Kgwebo e ikemiseditse go oketsa jang kgolo ya lotseno.
Dintlha tsa maano a kgolo e tla fitlhelelwang ka ona, sekao: diphetolo tsa ka bonako, tlhagiso ka nako, phokotso ya ditshenyegelo tsa tlhagiso, papatso e e tokafetseng, lenaneothoto le le fokotsegileng, jalo le jalo.
Dintlha tsa Kgokagano:
Setheo sa Kgokagano sa Badirisi sa Lefapha la Kgwebo le Madirelo DTI
Mogala: 0861 843 384
Katoloso
Tshedimosetso e e mosola
Mekgatlho ya Kgwebo le Mekgatlho / Ditlamo tsa Bojanala
Mokgatlho wa Baemedi ba Maeto wa Aforika Borwa (ASATA) o bopilwe ka 4 Lwetse 1956. Bathei ba ona ba ne ba baka foramo ya baemedi mo bodirelong go tsweletsa tirelo ya boporofešenale ya pabalasego ya ditokololo tsa ona le badirelwa.
ASATA e gatelela kgololosego ya kgwebo kwa ntle ga go tlola melao le melawana. Re diragaditse ka tshwanelo Molaotheo le Khoutu ya Maitsholo e ka bo yona e laolang bodirelo jwa rona le go tlamela modirisi ka tshireletso le boiketlo jwa monagano.
Pono ya Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala (DEAT) ke go etelelapele bolaodi jwa tikologo le bojanala mo kgatlhegelong ya tlhabololo e e tswelelangpele le go tshwaela mo tokafalong ya boleng jwa botshelo jwa Maaforika Borwa otlhe ka:
Tlhatloso ya tlhabololo e e tswelelangpele, tiriso le tshireletso ya metswedi ya tlhago le setso.
Tlhoma bojanala jo bo nang le maikarabelo jo bo netefatsang tswelelopele ya tikologo le jo bo tshwaelang mo pakong ya ditiro le botshelo bo bo botoka.
Tshwaraganyo ya bokgoni, maitemogelo le kitso ya tikologo ya Maaforika Borwa otlhe.
Tsweletso ya phitlhelelo e e lekanang ya dipoelo tse di bonweng mo metsweding ya rona ya tlhago le setso.
Matlafatso ya setšhaba sa Aforika Borwa, ditšhaba le mekgatlho ka go nna le seabe mo, thutong ya tikologo, kagong ya bokgoni, patlisisong le mo ditirelong tsa tshedimosetso.
Go dira mmogo le bannileseabe ba ba maleba le makala a mmuso mo moweng wa puso e e siameng.
Go netefatsa gore go nna le seabe ga boditšhabatšhaba le ditlamego di a diragatswa go ya ka bokao ba dipholesi tsa tikologo tsa Aforika Borwa.
Banka ya Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (DBSA) ke setheo se segolo sa matlole sa tlhabololo ya mafaratlhatlha mo Borwa jwa Aforika. DBSA e batla go bona kgaolo e e matlafaditsweng le e e tshwaraganeng ya Borwa jwa Aforika e e senang khumanego, e e nang le tekatekano le go sa ikaegeng. Tebang le se, DBSA e batla go nna moemedi yo a eteletsengpele wa diphetogo tsa tlhabololo ya loago le ikonomi le tshwaragano ya ikonomi mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika le modirisani wa maano a tlhabololo mo kgaolong e kgolo ya Aforika e e mo borwa jwa Sahara.
Mokgatlho wa Feetereišene ya Kamogelo ya Aforika Borwa (FEDHASA) ke mokgatlho o o sa direng dipoelo mme mo dingwageng tse di fetileng di le 53 o ntse o emela madirelo a kamogelo a mo gae, a porofense le maemo a mmuso wa bosetšhaba. Mo sebakeng seno FEDHASA e na le moitseanape wa mogokaganyi wa molao yo ka metlha a batlisisang melao e mentshwa le e e tshikintsweng le go gakolola ditokololo ka ditlamorago tsa yona. Ditokololo tsa FEDHASA ke mafelo a bonno le direseturente.
Kgwebo e e Itekanetseng ya Bojanala mo Aforika Borwa (FTTSA) ke porojeke e e ikemetseng ya IUCN (Mokgatlho wa Tshomarelo wa Lefatshe) e e batlang go kgonagatsa tokafalo ya gore dikgwebo tse di sitetsweng tsa bojanala di fitlhelele mmaraka. Dikgwebo tse di tshwanelang di tla kgona go dirisa letshwao la kgwebo la FTTSA jaaka thulusi ya papatso. Ka jalo FTTSA e tla kgona go amogela le go tlhotlheletsa mekgwa e e siameng ya go lekana ya bojanala le go gokaganya bagwebi ba ba simololang le ba ba nnye le mebaraka ya badirisi ba ba tlwaetseng kgwebo e e lekanetseng le makala a thuso, (sekao: bagwebi ba maeto).
NAA-SA
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Bonno wa Aforika Borwa ke mokgatlho wa bosetšhaba o o kopanyang mekgatlho yotlhe ya bonno ya legae le porofense le go tlhokomela dikgwebo tse di nnye.
Botokololo jwa NAA-SA bo netefaletsa ba ba batlang manno mo dikgwebong tse di nnye gore ba solofele boleng, tirelo e e tshwanetseng le go duelela se se tshwanetseng le go siamisetswa fa e le gore tseno ga di diriwe.
Mokgatlho wa Madirelo a Dikonferense wa Borwa jwa Aforika (SAACI) o tlhomilwe ka 1987. Mokgatlho o lebisitswe mo go tshegetseng le mo go tokafatseng maemo a bokgoni le boporofešenale mo bodirelong jwa konferense mo Borwa jwa Aforika.
Setheo sa Bojanala sa Aforika Borwa (SATI) se ikemiseditse go tlhabolola mabaka a a farologaneng a katiso le tlhabololo mo madirelong a Maeto & Bojanala le Kamogelo. Ano a a gokagana le go tshegetsana.
SATI e emanokeng baithuti ka go ba rebolela didirisiwa tsa go ithuta ka go netefatsa gore dithuto tsa bona tsa bodirelo di maleba, ka go emanokeng barutisi ba ba rutang dithuto tse le go itsise baithuti ka ditshono tsa ditiro mo bodirelong. SATI e rebolela baithuti dibasari go ithutela go ya pele mo thutong e kgolwane. Setheo sa motswedi sa SATI se rebolela baithuti ba sekolo tshedimosetso, barutisi, baithuti, ditheo tsa thuto mmogo le bodirelo. Mo sebakeng seno SATI e mo lefelong le le lengwe le THETA.
Bojanala jwa Aforika Borwa
Bojanala jwa Aforika Borwa (SATI) ke mokgatlho wa boditšhabatšhaba wa kgwebo wa go bapatsa Aforika Borwa jaaka lefelo le le etelwang ke mojanala.
Bojanala jwa Aforika Borwa bo nna le seabe mo dipontshong tsa maeto, bo tshwara dikopano tsa thutano tsa ditokololo tsa kgwebo ya bojanala, bo tlhagisa dimateriale tse di farologaneng tsa kitsiso le go simolola le go gokaganya matsholo a papatso go baka maemo a a amogelesegang a papatso e e tshwanetseng ya dikumo tse di farologaneng le tse di gaisang tsa bojanala.
Mokgatlho wa Ditirelo tsa Bojanala wa Borwa jwa Aforika (SATSA) ke tokololo e e sa direng dipoelo e e emelang bannileseabe ba bagolo le ditheo go akaretswa ditirelo tsa diphofo, badirisi ba dikhoutshu, badirisi ba maeto, mafelo a bonno, ditlamo tse di hirisang dijanaga, dikgogedi, barulaganyi ba dikonferense le mekgatlho ya papatso e e amanang. SATSA e ikemiseditse go tlhoma maemo mo bodirelong jwa bojanala gore ba ba welang mo go SATSA ba supe boikanyego, itshetlego le tshiamo le go fedisa matshwenyego a ba ba batlang go dira kgwebo le mekgatlho e e amogetsweng go nna le loko ya SATSA.
Kemonokeng ya porofense le dintlha tsa kgokagano
Khansele ya Kgwebo ya Bojanala ya Aforika Borwa (TBCSA) ke mokgatlo o o okametseng le go emela lekala la kgwebo la bojanala le le nang le seabe mo bojanaleng.
TBCSA e tlhamilwe ke makala a kgwebo a a eteletseng pele mo mererong ya bojanala ka ngwaga wa 1996 mo kgweding ya Tlhakole. Maikaelelo magolo a yona ke go dirisana le bannileseabe botlhe mo go tlhabololeng togomaano ka bophara e e tla tlhamang le go letla gore go nne le tlhabololo ya loago ya bojanala. TBCSA ga e emele mekgatlho ya kgwebo ka gope. Mekgatlho ya Kgwebo e e emetseng ditlhopha tsa dikgatlhegelo tsa yona le ditiro ke ditokololo tsa TBCSA.
Khansele ya Aforika Borwa ya go Kereita ya Bojanala e tlhomilwe ke Tona ya Merero ya Tikologo le Bojanala ka ngwaga wa 2000 mo kgweding ya Lwetse gammogo le ditokololo tsa madirelo a bojanala. Maikemisetso a Khansele ya go Kereita ke go tlhama tsamaiso ya maemo a naledi ka kakaretso a a tla bakang gore go nne le tokafalo le tshegetso ya maemo ao le ditirelo tsa boleng jo bo kwa godimo mo dikarolong tsotlhe tsa bojanala. Sekema sa Bosetšhaba sa Kabo ya Naledi se naya baeng tshepo ya gore ba tla amogela dikumo tsa boleng jo bo kwa godimo go tswa mo setheong sa kereiti ya naledi.
Bothati jwa Bojanala, Kamogelo, Thuto ya Metshameko le Katiso (THETA) ke Lekala la Bothati jwa Thuto le Katiso SETA le le tlhamilweng mo Molaong wa Tlhabololo ya Bokgoni [Nomore 97 wa 1998] le Lekala la Bojanala, Kamogelo le Ikonomi ya Motshameko.
Setheo sa Timeshare sa Aforika Borwa (TISA) ke mokgatlho wa kgwebo o o theilweng kwa Kapa o o emetseng tlhabololo ya diintaseteri tsa di-timeshare gammogo le mafelo a bojanala a Borwa jwa Aforika. Ke maikaelelo a TISA go tsweletsa le go tlhotlheletsa kgolo ya diintaseteri tseno mo Borwa jwa Aforika le go neelana ka thuso go batho botlhe le ditokololo tsa setšhaba ka go neelana ka thuto, go tsereganya, go nna le tirisano le batho, go buisana, tshedimosetso ya melawana le go tsenngwa tirisong ga Dikhoutu tsa Boitsholo. Di-SMME di ka batla thuso go tswa kwa diporofenseng tsa tsona ka go dirisa Lefapha la Merero ya Ekonomi le Bojanala kgotsa bathati ba tsa bojanala ba porofense. Bathati bano ba bojanala ba porofense ba ka thusa ka:
Nonofiso
Tlhabololo ya bokgoni
Katiso ya bosupatsela / tokafatso le kwadiso
Tlhabololo ya bokgoni ba kgwebo le kgakololo
Go kwala maano a kgwebo
Dipontsho:
Go thusa ka maeto le kamogelo ya basupetsi ba selegae, bosetšhaba le ba boditšhabatšhaba.
Go nna le seabe mo ditirong tse dingwe tsa bosetšhaba jaaka lenaneo la Kamogelo ya Baeng
Mothusi wa dipapatso
Dikgokagano tsa Kgwebo
Dikgwebo di gokagana le ditirelo tse dingwe tsa tshegetso le ditheo tse di leng teng go kgabaganya porofense.
Dintlha tsa Kgokagano tsa Diporofense
KAPA BOTLHABA. Lefapaha la Tlhabololo ya Ikonomi le Bojanala
Mogala: 609 3232
Fekese: 609 3201
Kgotsa
Mogala: 609 3202 Selula: 082 417 0177
Fekese: 609 3219
Boto ya Kapa Botlhaba ya tsa Bojanala
Mogala: 701 9600
Fekese: 701 9649
FOREISETATA Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Mogala: 400 9544
Fekese: 400 49553
Selula: 072 297 3565
Kgotsa
Selula: 082 773 8220
Fekese: 400 4909
Tlhabololo ya tsa Kgwebo
Mogala: 340 9000
Fekese: 327 7000
Motsamaisi wa Mananeo
Tlhabololo ya Dikumo
Mogala: 366 7500
Fekese: 305 6693
LIMPOPO Lefapha la Tlhabololo ya Matlotlo le Ikonomi
Mogala: 298 7000
Fekese: 291 5944
Boemedi jwa Limpopo jwa Kemonokeng ya Kgwebo
Mogala: 295 3581
Fekese: 295 3590
Bojanala le Diphaka tsa Limpopo
Mogala: 290 7300
Fekese: 291 4140
KAPA BOKONE Lefapha la Merero ya tsa Tikologo le Tshomarelo le Bojanala
Mogala: 830 4821 / 807 4838
Fekese: 830 4838 / 831 3530
MPUMALANGA Lefapha la Merero ya Ikonomi, Diphologolo le Bojanala
Mogala: 766 4177 Selula: 082 4172 045
Fekese: 766 4614
BOKONE BOPHIRIMA Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi le Bojanala
Mokaelo wa Ditirelo tsa Kemonokeng ya Ikonomi (Bojanala)
Mogala: 387 7720
Fekese: 384 0676
Boto ya Diphaka le Bojanala ya Bokone Bophirima (NWP& TB)
Mogala: 397 1550
Fekese: 397 1660
KGOTSA
Mogala: 397 1560
Fekese: 397 1660
Selula: 083 391 7163
Mogala: 487 4800
Fekese: 487 4801
Lenaneo la Bogakolodi
Mogala: 483 4165
Fekese: 483 3018
Kaelo ya kgokaganyo
Mokgatlho: Mogala: Fekese: Imeile le Websaete
Mokgatlho: Mogala: Fekese: Imeile le Websaete
Mpumalanga 752 2300 752 3496
Dikao le dithuto tsa tiragalo
Leano la Kgwebo - Dipotso tsa botlhokwa
Ke batla go simolola kgwebo ya mohuta ofe?
Tlhalosa mohuta wa kgwebo e o e simololang, sekao: mogwebi wa maeto, ntlo ya baeng, jalo le jalo.
Badirelwa ba me e tla nna bo mang?
O tla direla mang - bajanala ba selegae / boditšhabatšhaba, bagwebi?
Kgwebo ya me e tla nna kae?
Soweto, Kayamandi mme o bolele gore ke eng o re lefelo leo le siame. A o na le bagaisani mo kgaolong ya gago? Ditshenyegelo tsa rente kgotsa tsa theko ya thoto ke bokae?
O tla rebola kumo kgotsa tirelo efe?
A o tla rebola bonno le dijo kgotsa dipalangwa kgotsa ya mosupatsela.
Go tla tlhokega didirisiwa, dipalangwa dife kgotsa thoto e kgwebo ya me e tla e batlang?
O tla tlhoka eng go dirisa? Microbus, malao, dialwa, dikhomputara, difounu, jalo le jalo. Di tla ja bokae?
Ke tla reka kae thoto ya me?
Johannesburg - Ke kwa Soweto mme eno e tla nna toropo e e gaufi go bona ditlhokwa tsa me tsa thoto ka tlhotlhwa e e siameng, jalo le jalo. Thoto eo e tla ja bokae?
Bala moolwane wa gago wa poelo
Kumo: Tlhotlhwathekiso: Tlhotlhwatheko: Moolwane wa poelo wa kumo
Bolao (bonno) R100.00 R50.00 R50.00
Difitlholo R50.00 R35.00 R15.00
Karata e e fa godimo e tla go letla go bonelapele gore o tshwanetse wa rekisa go le kanakang go bona tuelo ya ditshenyegelo le go dira poelo.
Kumo X1 Palelo X5 Palelo X20 Tshwaelo mo Moolwaneng Letsatsi Matsatsi Matsatsi tšhelete e e tlhomamisitswengo
Loeto la ba le 3 3 x R150 = R450 15 15 x R150 = R2250 60 60 x R150 = R9000
Bolao (bonno) 6 6 x R50 = R300 30 30 x R50 = R1500 120 120 x R50 = R6000
Difitlholo 6 6 x R15 = R90 30 30 x R15 = R450 120 120 x R15 = R1800
Paloyotlhe ka letsatsi: R1020 ka beke: R5100 ka kgwedi: R20 400
Palelo ya moolwane wa poelo wa phopoletso
Bana ba ga Thandi ba tlogile kwa ga bone kwa Thembisa, mme seo se dira gore Thandi a salelwe ke diphaposiborobalo di le pedi. Thandi o akanya gore go bula Marobalo le Difitlholo e tla nna kakanyo e e siameng kantlha ya fa a na le sebaka se a ka se rebolang. O diretse hotele kwa Sandton mo dingwageng tse dintsi jaaka motlhokomedi wa ntlo mme o na le maitemogelo. Tokololo ya gagwe ya SWOT ke e.
O dirile mo hoteleng kwa Sandton ga a ise a nne le kgwebo ya gagwe ya botlhokomedi jwa ntlo.
O apaya sentle. Ga a ise a dire tsamaiso.
O gokagana le batho sentle. Ga a na kitso ya khomputara mme o kgona go bua Seesimane sentle thata.
Ntlo ya gagwe e mo tseleng e kgolo ya bese mo tikologong. Ga go na kgogedi e kgolo ya bojanala.
O solofetse tuelo ya gagwe ya pensene. O tlhoka matlole a go tokafatsa diphaposi tsa borobalo mme e ka dirisiwa jaaka karolo ya tšhelete.
Bothati jwa Bojanala bo bapatsa pabalasego ya metsesetoropo e nngwe. Mafelo a a nnang a kolobile a gogela dinonyane mme a ka tshwanela. Kgaisano go tswa mo metsesetoropong e mengwe e e nang le pogelo ya dinonyane e e setseng e tsweletse.
E gaufi le boemafofane. Mafelo a borobalo le difitlholo a setse a le mantsi kwa Thembisa. Morwarre o dira jaaka mokgweetsi wa tekisi. Melawana ya tikologo e thata.
Dithuto tsa tiragalo tsa SMEDP
Re tlhagisitse lenaneo la dithuto tsa ditiragalo di le 3 tse thuso ya SMEDP e tla dirang mo go lona:
Tsweetswee gakologelwa gore thuso ya SMEDP ga e teng go bona tšhelete ya go simolola kgotsa ya kadimo; o tshwanetse wa bona kadimo kgotla matlole pele o ka dira kopo ya thuso ya SMEDP. O tla tshwanela go dira kopo ya gago fa o santse o tshwaragane le go tlhoma kgwebo ya gago.
Thuto 1
Ka ntlha ya fa metshameko ya kgwele ya dinao ya 2010 e tla mo Aforika Borwa, Rre Cooper o bone lefatshe le a ka agang ntlo ya baeng ya diphaposi di le 10 mo go yona. O utlwile fa gautshwane ka SMEDP ya Lefapha la Kgwebo le Madirelo gore e naya ketleletso ya tšhelete e e rileng ya dikgwebo tse dintshwa le dikatoloso.
Gakologelwa! SMEDP ga se tšhelete ya go simolola; ka ntlha ya moo Rre. Cooper o tshwanetse a bona kadimo kgotsa tšhelete go tswa go Umsobomvu, Setheo sa Tlhabololo sa Eskom kgotsa NEF, IDC kgotsa koporasi nngwe le nngwe ya tlhabololo jaaka Koporasi ya Tlhabololo ya Kapa Botlhaba (ECDC) kgotsa banka. Fa o le mo kgatong ya go itlhoma kopo e ka nne ya lebisiwa go SMEDP.
SMEDP e tla thusa ka mokgwa o o latelang:
E tla tlhatlhoba go bona gore a tota Rre. Cooper o simolotse kgotsa o na le setlamo se se setseng se dira mo dikgweding tse di kwa tlase ga di le thataro fa e le gore ke porojeke e ntshwa
Fa motlhatlhobi a kgotsofetse kopo e tla fetisiwa mme Rre. Cooper o tla khwalifaya go bona ketleletso ya dingwaga di le tharo e e ikaegileng ka phesente e e rileng ya peeletso yotlhe ya dithoto tse di khwalifayang.
ELA TLHOKO! Ketleletso e tlhomamisiwa ke boleng jwa dithoto tse di khwalifayang jaaka dimatshini le didirisiwa, dikago, rente, dijanaga tsa kgwebo, tse di ka nneng tsa lisiwa.
Go khwalifaya go bona ketleletso e mo porojekeng e ntshwa o tshwanetse wa nna mo maemong a go itlhoma, o dira mo dikgweding di le thataro kgotsa kwa tlase. Fa o ntse o dira mo dikgweding tse di fetang thataro o tla khwalifaela thuso ya katoloso fela.
Thuto 2
Rre. Cooper o kgonne go bona kadimo go tswa Bankeng ya ABSA mme o ne a kgona go simolola go tlhoma ntlo ya gagwe ya baeng ya diphaposi di le lesome. Morago ga dingwaga tse pedi o lemoga gore e nnye thata go amogela setlhopha se le sengwe sa kgwele. Ka ntlha ya moo o swetsa gore e tla nna kakanyo e ntle go atolosa. SMEDP e mo thusa jang?
SMEDP e tla thusa ka mokgwa o o latelang:
Go tla diriwa tlhatlhobo mme fa a katoloso a ka nna le bokgoni jwa kgolo ya bobotlana ba 25% mme kopo e tla fetisiwa fa motlhatlhobi a kgotsofaletse tsotlhe.
Ba ba ntseng ba dira mo dikgweding tse di ka fa tlase ga thataro le tse di fetang thataro ba ka nne ba dira kopo ya ketleletso ya katoloso.
Thuto 3
Rre. Cooper a ka rata go reka fanitshara ya diphaposi tsa gagwe tsa tlaleletso di le thataro mme o gakolotswe gore a golagane le SMEDP go kopa thuso go reka didiriswa. Ba tla mo thusa jang?
Sedirisiwa sengwe le sengwe se e leng karolo ya dithoto tse di khwalifayang go sa akaretswe dikhapete, dijana, ditshwantsho tsa mo mabotaneng / dipoterete le dijanaga tsa manobonobo.
Dintlha tse di botlhokwa thata tse o tshwanetseng wa di gakologelwa:
Kopo ya ketleletso ya SMEDP e ikaegile ka ponelopele mme ka ntlha ya moo, o ka se dire kopo ya kadimo kwa ntle ga gore o bo o bone kadimo kgotsa thuso ya go simolola le go bo o setse o simolotse, kgotsa o bo o ntse o dira mo dikgweding di le thataro kgotsa kwa tlase, mo mabakeng a kgwebo e ntshwa - 0 go fitlha go dikgwedi di le thataro.
Mo mabakeng a katoloso, o ka se katolose pele mme wa dira kopo morago. O tshwanetse wa dira kopo le go fetisiwa pele o ka atolosa.
Fa o santse o amogela ketleletso go tswa go SMEDP ga wa tshwanela go fokotsa modiri ope. Fa o fokotsa badiri tuelo e tla khutlisiwa.
Lenaneotlhatlhobo la go simolola le go tsamaisa setlamo sa gago
Dikgato: Merero ya botlhokwa: Metswedi ya tshedimosetso
KGATO YA PELE YA TOGAMAANO, Leano la Kgwebo, websaete ya
Bagwebisani, websaete ya Ntsika, dibuka, dimakasine, ditheo tsa kgwebo tsa tirelo ya selegae, balosika, ditsala, bagwebi ba bangwe, patlisiso ya kgwebo, bagokaganyi ba bagwebisani, ditshono tsa selegae, ditheo tsa tirelo ya kgwebo.
Patlisiso ya Mmaraka
Bogolo jwa Mmaraka, Biro ya Patlisiso ya Mmaraka, Tirelo ya Bogare ya Dipalopalo, AMPS, Diphasalatso tsa kgwebo, Bojanala jwa Aforika Borwa, DEAT, bagaisani ba gago, Dikaelo tsa kgwebo le madirelo. Dikaelo tsa Phaposi ya Kgwebo, Katiso ya THETA, TEP, Ntsika.
TOGAMAANO LE Leano la Kgwebo, Diphasalatso tsa Kgwebo, KGATO YA TLHOMO
Leina la kgwebo le Kwadiso ya Ditlamo le di-CC
Sebopego sa Kgwebo le Kwadiso ya Ditlamo le di-CC
Setheo sa tirelo ya Bagwebisani
Tetla ya semolao le Bothati jwa Dilaesense jwa Selegae, Boto ya Bojalwa, ditlhokego tsa tsela, Boto ya Dipalangwa, RSC, jalo le jalo.
Leano la Papatso
Temokerafiki, Tirelo ya Bogare ya Dipalopalo, bothati jwa selegae, Bojanala jwa Aforika Borwa, DEAT, Bothati jwa Porofense jwa Bojanala, Ditiro tse dingwe tsa dipalopalo, tsa Biro ya Patlisiso ya Mmaraka bogolo jwa mmaraka
Maina le bodirelo jwa papatso le Difetereišene tsa Kgwebo le maano a Mekgatlho ya bagaisani, Biro ya Patlisiso ya Mmaraka, mekgatlho e mengwe ya papatso, boramatlotlo jwa togamaano ya matlole, Bagokaganyi ba Kgwebo, ABSA.
Leano la Botsamaisi
Sebopego sa Badiri; Lefapha la Badiri, bagokaganyi
TSHEDIMOSETSO Pholesi ya badiri, bagokaganyi ba metswedi ya badiri, IPM
Dipoelo: UIF, Tuelo ya dikotsi tsa mo tirong, diboroukara tsa thuso ya kalafi,
Tsamaiso le direkoto; bagokaganyi ba bagwebisani, tsamasio ya tsweletso ya kgwebo, diphasalatso tsa bagwebisani, ntsho ya dikumo (tlhagiso), NPI, bagokaganyi ba kgwebo ba setegeniki, CSIR, feetereisene / mekgatlho ya bodirelo.
Dikgato: Merero ya botlhokwa: Metswedi ya tshedimosetso
KGATO YA GO SIMOLOLA: Lefelo
Legae: Bothati jwa selegae togamaano ya toropo le lefapha la boitekanelo
Mafelo a kgwebo; baemedi ba thekiso, bothati jwa selegae, lefapha la boitekanelo
Bagwebisani ba kgwebo, dikago tsa kgwebo, moemedi wa dithoto,
Motlhatlhobi wa bodirelo,
Metsi le Motlakase, Bothathi ba selegae
Dikgwebo, Mokwadisi wa Ditlamo & CC
Dibanka tsa Matlole, Makala a Potlana a Kgwebo, lekala la poraebete,
Mekgatlho ya matlole, Bagwebisani, Koporasitlhabololo ya Madirelo, Lefapha la Kgwebo le Madirelo,
Kwadiso ya Badiri kwa Lefapheng la Badiri, UIF
Tuelo ya dikgobalo, Kgotla ya Madirelo,
Kwadiso mo Moamogelalokgethong ya go nna moduelalokgetho wa nakwana, VAT (ikwadisa jaaka morekisi)
Boroukara ya inšorense ya botshelo botshelo jwa mong le kgwebo
Kgwebo e e rileng kgotsa Phaposikgwebo ya Madirelo, Tshedimosetso e e lebaneng le Lefapha la Kgwebo le Madirelo, Botokololo jwa feedereišene kgotsa mokgatlho.
Dikaelo tsa kgwebo le madirelo
KGATO YA GO DIRA
Papatso le phasalatso, makwalodikgang, dimakasini, thomelo ya makwalo ka tlhamalalo, ditlamo tsa phasalatso ya kwa ntle, dipampitshana, baphatlhalatsi ba dipampitshana, phasalatso mo dijanageng, disinema, Yellow Pages, jalo le jalo.
Bagakolodi ba Tsamasio ya Kgwebo
Matlole / diakhaontente, thekenišene, babalamatlotlo, tsamaiso / bagakolodi ba lokgetho,
Tegeniki ya CISR, bagakolodi ba ba kgethegileng, mekgatlho
Mokgatlho wa Setheo wa Botsamaisi jwa Badiri, bagakolodi ba metswedi ya badiri, Lefapha la Badiri, bagakolodi ba dikamano tsa badiri, dikoporasi tsa terasete ya taolo ya tshedimosetso ya dikeretiti, mekgatlho ya taolo ya keretiti
Potso - A ke na le bokgoni jwa go nna mogwebi?
Pele o tsena mo kgwebong nngwe le nngwe o tshwanetse wa ipotsa gore a o na le bokgoni jwa go nna mogwebi?
Araba dipotso tse di latelang go bona gore a o na le bokgoni jo bo tlhokegang jwa go simolola kgwebo le go dira gore e tswelelepele ka katlego. Mo lebakeng lengwe le lengwe sekeletsa tlhaka e e fa thoko ga tlhopho ya gago, mme morago o lebe lenaneo la dintlha mme o le sekaseke kwa bokhutlong jwa dipotso. Dipotso di ikaegile ka kakanyo ya gore o mo tirong mme o akanya go simolola kgwebo ya gago! Fa o setse o le mo kgwebong ya gago, araba jaaka o ka re o ne o santse o le mo tirong ya gago ya bofelo.
Thalotlhakore ya Bogwebi
Dipotso
A lelapa la gago le go emanokeng mo sengwe le sengweng se o se dirang?
A Ee
B Nnyaa
C Dinako dingwe
A o na le ikgalo ya go dira ditiro tse di sa itumediseng thata etswe o ka bo o ne o dira se sengwe?
A Ee
B Nnyaa
C Bontsi jwa nako
A o dira ka mokgwa le ka tsela ya thulaganyo?
A Ee
B Nnyaa
C Bontsi jwa nako
D Dinako dingwe
A o a tlhakatlhakana fa o sa kgone go reka dilo tse o di batlang?
A Ee
B Nnyaa
C E seng gantsi
D Gantsi
A o ka bona sengwe le sengwe se o se batlang mo tikologong ya gago ya jaanong ya tiro mo metsotsong e e ka fa tlase ga e le meraro?
A Ee
B Nnyaa
A o itumetse mo tirong e o leng mo go yona?
A Ee
B Nnyaa
A o fitlhelela se se gaisang fa o na le mongwe yo a go laolang kgotsa a go kaelang?
A Ee
B Nnyaa
C Bontsi jwa nako
Mo maemong a gago a tiro, o tsenya fela tlhogo mme o tswelelepele ka tiro kgotsa o dira ditshikinyo tse di nang le bokao mo makaleng a a farologaneng?
B Ka gale ke tshikinya ditokafatso
C Dinako dingwe ke tshikinya diphetogo
D Ga ke nke ke tshikinya diphetogo ka gope
Dikgoreletsi tse di jaaka ofisi e e modumo, maemo a a pitlaganeng a go dira le boagisani jo bo bokowa di ama jang se o se fitlhelelang mo letsatsing?
A Mo go maswe
B Ga ke di lemoge
O bona gore
A O duelwa sentle?
B O duelwa tšhelete e e mo magareng?
C O duelwa kwa tlase?
O batla go nna le kgwebo ya gago?
A Ee, Ee, Ee!
B Nnyaa
C Fela fa nka nna le kakanyo e ntle thata
D Ehmmm.. .
A o tsamaisa merero ya gago ya tšhelete sentle?
A Ee ka gale ke kelotlhoko le go dira ka natla
B Nnyaa ga ke kgone sepe mo lefapheng leo
C Bontsi jwa nako
D Ka dinako dingwe ke a leka mme ke fitlhela go le boima go tshelela mo tekanyetsong.
A o na le phitlhelelo mo mererong e e sa amaneng le tiro (sekao: dingangisano ka metshameko, ditiro tsa setšhaba)?
A Nnyaa
B Ee
C Dinako dingwe
O tsaya jang diphoso tsa gago tsa kwa tirong (le fa e le gore ga o amege thata mo go tsona)?
A Tsayatsia thata
B Ga ke tshwenyege ka tsona
A o motho wa batho?
A Ee
B Nnyaa
C Ke kgona go dirisana le batho ba le mmalwa?
A o rulaganya botshelo jwa gago (ba tiro le ba sebele)?
B Ee, ka gale
C Dinako dingwe
D Dinako dingwe go lebega go le botlhokwa
A tšhelete e o tla e dirang ke lona lebaka legolo la go akanya kgwebo ya gago?
A Ee
B Nnyaa
O kgona go fetoga jang mo botshelong jwa gago jwa tiro, go raya gore, fa dilo di nna thata a wa di itlwaetsa le go fetsa tiro ya gago?
A Nyaa ke a tlogela
B Ee ke a itlwaetsa
C Ke kgona go fetoga go le go nnye go ya ka mabaka?
A o ikutlwa gore o ka rulaganya isagwe ya gago?
A Ee
B Nnyaa
A o rata ditekelelo tse di kotsi kgotsa go iteka lesego ka thulaganyo?
A Ee
B Nnyaa
C Fa e le gore nka boelwa
A o kgona go emelelana le mathata?
A Ee
B Nyaa
C Go ya ka gore bothata bo ntse jang
Fa ditiro tse di siameng di ka bo di le dintsi a o ne o tla nne o batla kgwebo ya gago?
A Ee
B Nnyaa
Dintlha
Jaanong leba dintlha tse di latelang mme o sekeletse tlhaka e o e tshwaileng mo dipotsong. Morago o tlhakanye dintlha go bona gore a o siame go tsamaisa kgwebo ya gago.
Dipholo le Patlisiso
Godimo ga 72: O siametse tiro ya go nna le kgwebo ya gago mme o ka tswa o setse o le mo kgwebong ya gago (kgotsa o tshwere ka natla go e rulaganya). Le fa go le jalo, o se tlogele tiro ya dipatlisiso mo matlhagetlhageng a gago.
go fitlha 71: Tlhopho ya gago ya go ithapa e go siametse ka jalo tswelelapele. Thoto ya gago e kgolo ke gore matlhagatlhaga a gago a isega.
go fitlha 61: O mo magareng. O na le dingwe tse di tlhokegang go tsamaisa kgwebo mme o tshwarwa ke sengwe. O ka gakololwa gore o akanye sentle thata pele o tsena mo kgwebong ka bo wena. Le fa go le jalo, fa o ka swetsa go dira jalo o na le bokgoni jo bo tlhokegang. A o busetswa morago fela ke ditiro?
go fitlha 51: Akanya thata pele o tlogela pabalasego ya tiro. Fa o sa kgotsofale mo maemong a, o leng mo go ona akanya go fetola tiro kwa o ka nnang le tlhotlheletso e kgolo ya go dira. Leka go batla tiro ya nakwana e e duelang mme o simolole se sengwe kwa thoko. Go sa nneng jalo, beeletsa mo kgwebong ya mongwe mme o e batlisise pele (le beng ba yona).
Ka fa tlase ga 42: O ka tswa o ntse le mathata a magolo mo maitekong a gago a pele mme o santse o na le matsadi kgotsa botshelo jwa kgwebo ga se jwa gago. Motlhomongwe o ka kopa mothapi wa gago gore a go neye motlhatlosa.
Nka tlhopha kgwebo e e ntseng jang?
Go na le ditlhopho tse di farologaneng tsa kgwebo ya gago e e mo molaong, ka mantswe a mangwe, re raya ka moo kgwebo ya gago e tla bonwang ka gona go ya ka molao. Nngwe le nngwe ya tseno e na le mesola le mathata, e seng fela ka beng mme le ka moo di kgethisiwang ka gona.
Mogwebi a le nosi
Seno se itsege gape ka mogwebanosi kgotsa mongnosi. Se se raya gore tsotlhe ke tsa gago mo kgwebong mme molao ga o bone pharologano epe magareng ga wena ka sebele le kgwebo. Kgwebo e ka nna le leina lesele kwa ntle ga la gago, sekao: James Peterson a ka gweba jaaka Mountain Tours. Ga go tlhokege gore o kwadise kgwebo e mme Moamogelalokgetho o tla go bona o le selo se le sengwe le kgwebo ya gago. Se se a itumedisa go nne ga go ditsamaiso tsa kwadiso mme ga go dituelo tsa tlaleletso. Le fa go le jalo go raya gore o tla rwala maikarabelo a dikoloto tsotlhe tsa kgwebo mme o ka se tsenye babeeletsi le bagwebisani mo kgwebo. Fa o tlhokofala kgotsa o tlogela kgwebo e emisa go dira.
Kgwebisano
Kgwebisano e tshwana fela le mogwebi a le nosi, kwa ntle fela ga gore go na le batho ba feta a le mongwe mo kgwebong. Kgwebisano ga e kgethesiwe jaaka selo se le nosi, mme mong mongwe le mongwe o kgethisiwa ka boene mo lotsenong le le bakilweng ke dišere tsa gagwe tsa kgwebo jaaka karolo ya dirithene tsa lokgetho lwa gagwe la sebele. Go botlhokwa go dira tumallano ya semolao ya kgwebisano go thibela diphapang dingwe le dingwe tse di ka tlang morago magareng ga bagwebisani mme kwa ntle ga moo ga go na tsamaiso ya kwadiso kgotsa dituelo tsa tlaleletso. Gape le fa go le jalo, ga go reye gore le tla arogana ka go lekana maikarabelo a molato mongwe le mongwe o o dirilweng ke kgwebo.
Close Corporation kgotsa CC jaaka e bidiwa gantsi e na le sebopego se se bonolo se se diretsweng mokgwebipotlana. Pharologano e e botlhokwa thata magareng ga yona le mehuta ya ntlha e mebedi ke gore CC ke Yuniti ya molao mo maemong a yona - se se raya gore CC e ka suiwa mme e seng beng ka sebele sa bona. Ka tsela e ga o mo kotsing (fa go tshwantshanngwa le mogwebi a le nosi) ka sebele fa dilo di sa tsamae sentle mo kgwebong. Close Corporation e tshwanetse ya kwadisiwa mme mo mabakeng a mantsi CC e a kgethisiwa fela jaaka setlamo. Diforomo tsa kwadiso (CK1 le CK7) di teng mo mabenkeleng a mantsi a dikwalelo mme bontsi jwa ditlamo tsa babalamatlotlo le tsa bokwaledi di rebola tiro ya go kwadisa CC mo boemong jwa gago.
Ditlamo tsa poraefete di tlhomilwe go ya ka molao wa Ditlamo mme kantlha ya moo di na le ditlhokego tse dintsi tsa tsamaiso le dikgato tse di gagametseng tsa palotlotlo. Setlamo se na le modiri wa molao, yo a nang le ditiro tsa gagwe le ditshwanelo tse di farologaneng gotlhelele le tsa ditokololo tsa sone. Se se raya gore batsholadišere ga ba rwale ka sebele dikoloto tsa setlamo. Tshedimosetso e e tletseng e ka bonwa kwa Ofising ya Kwadiso ya Ditlamo le Borutegi jwa Thoto (CIPRO). Dintlha tsa kgokagano ya bona ke tse di latelang:
Ntle ga moo dirisa mogakoldi wa gago wa kgwebo go go thusa.
Dintlha
Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala
Mogala: 310 3427
Fekese: 320 4740
